Breaking News

Balemi ba lela sa khuranyo ya meno

09 Apr 2024

Balemi mo kgaolong ya Borwa ba lela selelo sa khuranyo ya meno, morago ga gore dijalo tsa bone di bolawe ke mogote o o feteletseng le pula e le boutsana. 

Bontsi jwa balemi ga ba a kgona go lema, mme ba ba lemileng ba lemile ditema tse di kwa tlase thata gona le mo dipakeng tse di fetileng ka ntata ya pula e e boutsana. 

Mo potsolotsong, leloko la Mosisedi Farmers Association, Rre Kwenaesele Motlale wa masimo a Mosi o supile fa ngwaga ono a kgonne go lema fela ditema di le masome a mararo tsa mmidi, mme ka tlwaelo a lema tse makgolo a mabedi le masome a supa. 

A re mo ditemeng tse a di lemileng, dijalo ga di a mela mme tse di medileng di bolailwe ke letsatsi  a tlhalosa gore le ba ba kgonneng go lema ditema tse di botoka mo kgaolong ya bone, ba sa roba sepe. 

O supile fa ba setse mo dikolotong tsa dibanka e le balemi ba kgwebo ka jaana ba duela ka thobo e ba e rekisitseng, mme go le lebaka ba sa ntshe maduo a a nametsang. 

Rre Motlale o kopile puso go tswa ka maano a go ba thusa e le balemi ba ba tona, ba ba jesang setshaba, jaaka go thusa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) ka ditselana tse ba ka oketsang dituelo tsa thobo ka teng. 

A re le mo dinakong tse ba boneng thobo e e botoka, ba felela ba sa bona dipoelo tse di nametsang ka jaana ba duelwa madi a a kwa tlase, mme ba palelwe ke go busa madi a ba a adimileng kwa dibankeng. 

O kopile gape gore e le balemi ba kgwebo, ba thusiwe ka go fokolediwa ditlhotlhwa tsa tse ba di dirisang, jaaka botlhole jo bo bolaang ditshedi, dipeo le menontshane, a tswelela ka go supa fa mo pakeng eno ya temo dibanka di sa kgona go ba adima madi, di lebile seemo sa loapi. 

Rre Motlale o supile fa go le botlhokwa gore puso e  ba thuse gape ka go tlhofofatsa kadimo ya madi, a supa fa ba dirisa madi a mantsi thata mo ikopelong tsa bone kwa dibankeng. 

A re puso e tshwanelwa ke go nna le mo e kwadileng balemi ba ba tona teng, gore e  itse se ba se lemang, dikgwetlho tse ba kopanang le tsone le tsotlhe tse di diragalang mo temong ya bone gore e kgone go ba thusa botoka go jesa lefatshe. 

Molemi yo mmotlana wa masimo a Loratalalane, Rre Leslie Obuseng yo a lemileng ditema tse pedi tsa mmidi le tse pedi tsa lab lab, o supile fa a sa solofela thobo e e nametsang mo mmiding mme lab lab yone go lebega a tlaa bona thobo e e botoka ka jaana e sa babalelwe ke letsatsi thata. 

O supile fa bonnye jo a tlaa bo bonang mo ditemeng tse a di lemileng tsa mmidi a thusitswe ke motsosa o a o dirisitseng mo peong, go lema ka dipula tsa ntlha le menontshane, a tlhalosa gore kwa ntleng ga moo, o ne a sena go tswa ka sepe. 

O gakolotse Batswana go tlhopha tse ba di lemang ka kelotlhoko mo dipakeng tsa leuba, a supa fa dijalo di tshwana le lab lab di kgona go itshegeletsa mo dipuleng tse di boutsana. 

Molemisi wa kgaolo ya Gasita, Rre Motshegetsi Mmani o gateletse botlhokwa jwa go tlhopha dijalo tse balemi ba di lemang ba lebile kgaolo e ba mo go yone le seemo sa pula. 

O supile fa dijalo di tshwana le mabele, di kgona go itshegeletsa mo dipuleng tse di boutsana, a tswelela ka go gakolola balemi go kopa dikgakololo mo balemising. 

Rre Mmani a re batho ka bontsi ba rata go lema mmidi mo kgaolong ya gagwe, mme manokoko a loapi a paledisa gore ba ka bona thobo e e nametsang. 

O tsweletse a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go rotloetsa balemi ba kgaolo go ganelela mo mabeleng. 

A re ka mmu mo kgaolong ya gagwe o le motlhaba, dijalo tse dingwe tse di ka dirang sentle ke ditloo le dinawa, mme a tlhalosa fa balemi ba tshaba go di lema ba supa fa di le tiro ntsi. A re go botlhokwa gore balemi ba dirise dipula tsa ntlha go lema, a gakolola gape go tlhokomela masimo ka go tlhagola. 

O gakolotse gape gore balemi ba ka dira ditekeletso tsa mmu, gore ba itse gore ba ka dirisa menontshane e fe, ka bokete jo bo kae le go itse gore dijalo tse di ka dirang sentle foo ke dife. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thato Modiakgotla

Location : MOSI

Event : Potsolotso

Date : 09 Apr 2024