Breaking News

Go reelela bana go nyeletse

09 Apr 2024

Go bitsa ngwana ka leina la mongwe wa lesika go kile gabo go atile. Se se ne se direlwa gore e re motlhang yo ngwana a teeletsweng ka ene a tlhokafala, leina le seka la nyelela. 

Go ya ka Mme Gaotewe Keepeofe wa kgotla ya Malela kwa Serowe o tlhalositse mo potsolotsong bosheng gore  go reelela go ne go dirwa ke batsadi ba ngwana kana mongwe wa lesika.

Mme Keepeofe a re ngwana o ne a kgona go reelelwa ka motsadi wa gagwe, nkuku, ntatemogolo, mmemogoloagwe, malomaagwe le ba bangwe ba lesika.

O supile fa maina a mareelelo a ne ana le bokao jo batsadi ba neng ba batla go tswelela ba bo tshegeditse, a a fa sekai ka e ne, a re o reeletswe ka leina la motsadi wa gagwe yo le ene a neng a bidiwa Gaotewe.

“Leina le, le tswa mo goreng re ne re tshotswe re le basetsana fela mo go mme jaaka le e ne ba ne ba tshotswe e le basetsana fela. E ne e re batho ba botsa gore ke eng go ntse jalo, karabo ya nna gore Modimo ga a tewe, o ka seka wa mo raya o re ke batla bong jo kana jo,” Mme Keepeofe a tlhalosa.

Mme Keepeofe a re o itemogetse fa go reelela go sa tlhole go le teng mme go bonwa mo bathong ba bogologolo fela. 

A re bana ga ba ba fe dithata tsa go bitsa bana ba bana ba bone maina e bile ba utlwa hela ba setse ba bolelelwa leina la ngwana.

Kwa kgotleng ya Chichana, Mme Gosalamang Matisha a re o reeletse ngwana wa gagwe wa mosetsana ka Dikeledi, yo e neng e le nkukuagwe motsala rraagwe. 

A re ba dirile se gore e re mosadimogolo a sena go tlhokafala, ba sale ba iphimola dikeledi ka ene mme e bile ngwana o rata leina le ka e bile ke lone fela.

Mme Matisha o tlhalositse fa bogologolo go ne go dumelwa fa ngwana a reeletswe ka motho o motona a tshwanetse go tshwarwa jaaka galase e bile a fiwa tlotlo fela jaaka monnga leina. 

A re ngwana wa gagwe ga a mo godisa jalo ka gore o ne a dumela gore go mo neneketsa go ka mo dira matepe e bile a seke a tsoge a dule motho wa sepe.

“Tlotlo ga re na nayo, tlotlo e senya ngwana, ga e ka re o mo reeletse wa mo tsaya ekare ke mosadimogolo ga gona se a ka se berekang, jaanong mo dire hela jaaka ba ba sa reelelwang,” Mme Matisha gatelela.

Rre Maitumelo Dick wa kgotla ya Modimo a re o reeletswe ka ntatemogoloagwe e bile o godile a bona tlotlo e e kwa godimo go tswa mo batsading le batsalwa le ene. 

“E ne e re motho a re o mpuisa sengwe se se sa siamang, a bo a boela mafoko a gagwe morago a akanya gore kana ke reeletswe ka motho yo motona ka jalo se a se nthayang o tlaa bo a raya le ene,” Rre Dick a tlhalosa.

A re go reelelwa mo ke gone mo go dirileng gore a golele fa tlase ga ga ntatemogoloagwe yo a neng a mmitsa monkane. O kaile gape fa go reelelwa go ne go tla ka tse dintle ka gore e ne e re ntatemogoloagwe a ba abela sengwe, a simolole ka ene e bile o ne a fiwa mo gontsi go feta ga ba bangwe.

Rre Dick o kgadile tumelo ya ba ba reng go reelela ngwana go na le dibelebejane ka fa e le gore motho yo ngwana a reeletsweng ka e ne a ne a hutsegile, phutso e ka felela e fetela kwa ngwaneng. 

A re ga gona sepe sa go nna jalo ka gore botshelo ja mongwe le mongwe bo farologane e bile botshelo jwa botlhe bo laolwa ke Modimo.

Rre Moiseraele Pitse wa kgotla ya Sesoma a re leina la mareelelo ka tshwanelo, le tshwanetse go ya le kwa dikokomaneng, go netefatsa gore le seka la nyelela. 

Rre Pitse a re bana ba gagwe le bana ba bana ga gona yo o reeletsweng.

“Bana ba gompieno ba ipiletsa maina, ga ba ikaelele gore re ba biletse maina, ngwana o tla a ntse a na le leina a tswa koo,” Rre a tlhalosa. 

Rre Pitse a re se se tsalwa ke dilo tsa gompieno tsa phetogo.

Kwa Sebinanyana, Rre Gabosekwe Moesi a re o reeletse bana ba gagwe ba babedi, yo mongwe o reeletswe ka motsadi wa gagwe fa o mongwe a reeletswe ka ntatemogoloagwe motsala mmagwe. 

Rre Moesi a re goa swabisa ka mo nakong ya gompieno bana ba gagwe ba fetotse maina a a mareelelo ba ipiditse a sele. 

A re bana ba ba itshwarelela ka gore maina a a bokete ebile kea bogologolo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Patricia Speakson

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 09 Apr 2024