Molebatsi o rola ditlhabololo
08 Apr 2024
Mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare Rre Molebatsi Molebatsi o tsweletse ka go lekola banni ba kgaolo ya gagwe le go ba rolela ditlhabololo tse di setseng di weditswe.
Dingwe tsa ditlhabololo tse a di roletseng morafe ke ditsela tsa fa gare ga motse le maobo a dikgotla kwa Sefhophe, Tobane le Damuchojenaa.
Ditlhabololo tse ke tse di agilweng ka madi a tlhabololo a dikgaolo tsa bopalamente a ngwaga wa 2023/2024.
Fa a ba rolela ditlhabololo, Rre Molebatsi yo ebileng e le mothusa tona wa Temo Thuo, a re go botlhokwa gore ba ipele ka se ba se kgonneng bogolo jang ka kgaolo ya botlhophi ya Mmadinare e na le dingwaga e sa bone ditlhabololo.
O ne a re se se itumedisang ke gore dikago tse tsotlhe di ne di dirwa ke bana ba kgaolo, mme ba kgonne go di wetsa ka nako le ka madi a a neng a dumalanwe.
O tlhalositse fa go le botlhokwa gore e re motho a neetswe tiro a e dire ka botswerere ka se se supa fa ana le bokgoni mme e re ditiro tse dingwe di tswa a kgone go akanyediwa.
Rre Molebatsi a re le fa se e se ditiro tsa sennela ruri mme go a bo go na le bangwe ba ba kgonang go tsenya diatla gore ba tshetse ba malwapa a bone.
Le fa go ntse jalo Rre Molebatsi o lebogetse morafe le seabe sa bone mo go tlhomamiseng gore ditiro di dirwa di bo di wediwa ka nako, a tlhalosa fa se e le boikarabelo jo bo tlhokegang gore ba seka ba iphithela ba diretswe se ba sa se dumalanang.
O rotloeditse morafe go dirisa mananeo a puso a tshwana le la Chema Chema ka le sa tlhoke sepe se se ntsi, a re go botlhokwa gore e re ditlhabololo di dirwa mo motseng motho le ene a bo a tlhabologa.
O ba rotloeditse go ya go tsaya lenaneo gore ba kgone go ipulela dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone go na le go baya fela mo go la Ipelegeng.
Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa khansele ya Bobirwa Rre Milton Keitshokile a re go wediwa ka nako ga ditiro go botlhokwa ka go ka rokotsa puso go tswelela e golola madi go tsweledisa ditlhabololo tse dingwe.
Le fa go le jalo a re go a tshwenya go bona go setse go na le tshenyo e e diragetseng mo tseleng ya Damuchojenaa e go setseng go tserwe dilo dingwe tse di neng di tsentswe mo go yone mme a kopa batsadi go kgalema fa ba bona gona le tshenyo mo dithotong tsa puso.
Rre Keitshokile o ne a rotloetsa banni ba metse eo go tshwaraganela go phepafatsa tikolo ka kgwedi ya Moranang e seegetswe fa thoko go nna kgwedi ya phepafatso tikologo.
Fa a leboga mokhanselaraa wa Sefhophe Rre Christopher Motsholapheko o ne a lebogela mopalamente tiro ya gagwe ya go tlhomamisa gore kgaolo e bona ditlhabololo, a re se se supa fa e le moeteledipele yoo kgathalang ka botshelo jwa batho a ba eteletse.
O ne a re se se dirwa ke tshwaragano le therisano ya bogogi le ba-na-le seabe mme a rotloetsa morafe go tswelela o tshwaragane gore ditlhabololo di kgone go bonala. Ends
Source : BOPA
Author : Ka Gaboselwe Olesitse
Location : SEFHOPHE
Event : Phuthego ya Mopalamente
Date : 08 Apr 2024