Kgosi Kgari Sechele III o lebogela kgomotso
07 Apr 2024
Kgosi Kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III, o lebogela kgomotso e morafe wa Bakwena, bogolo jang ba malwapa a a tlhokafaletsweng ba tsweletseng ka go e amogela go tsweng kwa Batswaneng ka kakaretso.
E rile a bua kwa tirelong ya segopotso sa baphuthegi ba kereke ya St Engenas Zion Christian Church(ZCC) ka Labone kwa Molepolole ba ba neng ba tlhokafala ka kotsi ya bese beke e e fetileng ko Aferika Borwa, Kgosi Kgari a supa fa kgomotso e tla ka bontsi jo bo nametsang le ka ditsela tse di farologanyeng.
O supile gore bangwe ba romela melaetsa ka mekwalo, go tlhaeletsa ka megala le go tla ka sebele go lere kgomotso.
Kgosi Kgari III o supile gape gore morafe wa Bakwena le setshaba ka kakaretso ba tsweletse ka go tlisa matshediso mo go ba ba tlhokafaletsweng, selo se a supileng e le sekao sa boamaruri sa tshaba ya Botswana.
Kgosi Kgari III o supile fa kotsi eo e tlisitse kutlobotlhoko mo morafeng, mme a re ba malwapa a amegileng seemo sa bone se utlwisa botlhoko go gaisa botlhe. O lebogetse kemonokeng ya Batswana ka kakaretso ka jalo are malwapa a a amegileng a tla sidilega.
A re Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi, ke mongwe wa ba ba supileng kemonokeng ya motia ka nako e thata e wetseng morafe wa gagwe, ka jalo a mo kgothatsa go tswelela jalo, ka gore se a se dirang se tlisa tsholofelo ya gore le fa ba wetswe ke seru, ba na le mogomotsi le gore ba tshwanetse ba leka ka bojotlhe go tswelela pele.
O ne gape a leboga dikompone tse di tsweletseng ka go thusa malwapa a amegileng ka go farologana, a re seo ke selo se se molemo fela thata. Matshwitshwiti a Bakwena le setshaba ka kakaretso ba ne ba tseneletse segopotso seo le gone go tla go naya kgomotso mo malwapeng a amegileng. Molaodi wa Kweneng, Mme Tebogo Bagopi, a re tiro ya letsatsi leo e dirilwe jalo go gopola matshelo a a gapilweng ke kotsi ya koloi kwa kgaolong ya Limpopo kwa Aferika Borwa.
A re tiro ya segopotso e dirilwe mo mafelong a farologanyeng lefatshe lotlhe ka bophara e le sesupo sa gore Batswana ka kakaretso ba amegile ka ditsela tse di farologaneng mme seo se ba fa sebaka sa go gopola ba gabone. Mme Bagopi o ne a supa fa ba tsweletse ka go amogela dithuso dipe fela go tswa mo Batswaneng mme a re ba ba nang le keletso ya go thusa ba tlise dithuso kwa diofising tsa khansele mo Molepolole.
A re godimo ga moo go na le letlole la madi a dithuso la Bakwena mme le tla anamesiwa gore morafe le Batswana ka kakaretso ba tsenye madi a dithuso mo go lone.
Mme Bagopi o kopile Bakwena gore tlhama komiti e e tla thusang go tsamaisa tiro eo ka e le bokete mme e tlhokana le go tshwaraganelwa. O ne a kopa gore maina a ba ba eletsang go tsena mo komiting eo a romelwe kwa ofising ya gagwe gore ba tle ba simolole tiro ka jaana kgetsi ya tsei e kgonwa ke go tshwaraganelwa.
Kotsi eo, e gapileng matshelo a Batswana ba le masome mane le botlhano e diragaletse mo borogong jwa Mmamatlakala ka Labone wa bekeng e e fitileng kwa Aferika Borwa.
Mo kotsing eo go falotse mosetsana wa dingwaga tse di ferang bobedi. Maloko a ne a le mo mosepeleng go ya Moria ko ba neng ba ya go keteka malatsi a Paseka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Segopotso
Date : 07 Apr 2024