Barolong ba kopilwe go gasa molaetsa wa ipabalelo tseleng
07 Apr 2024
Mopalamente wa kgaolo ya Good Hope-Mabule Rre Eric Molale o kopile morafe wa Barolong go thusa puso go gasa melaetsa ya ipabalelo tseleng ka maikaelelo a go fokotsa dikotsi tsa tsela.
Rre Molale o buile se kwa merapelong ya batho ba ba tlhokafetseng mo kotsing ya bese kwa Mamatlakala kwa Limpopo, Afrika Bokwa ka tshimologo ya malatsi a paseka.
A re nako e gorogile ya gore morafe o simolole go bereka le puso go thusa go hema dikotsi.
Modulasetilo wa khansele ya Good Hope Rre Fanki Motsaathebe a re kotsi e, e amile botlhe segolo jang ka e gapile matshelo a batho ba le bantsi.
O kopile puso go netefatse fa gona le dikoloi tsa thuso ya potlako mo kgaolong, are nako tse dingwe motho o kgona go latlhegelwa ke botshelo ka go sena thuso e e tlhokegang.
Mongwe wa batsena merapelo, Mme Kelebogile Tsholofelo o supile fa go tla a tsaya nako gore ba masika le ditsala ba gomotsege, mme a supa fa thapelo ele yone fela eka ba sidilang maikutlo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : GOODHOPE
Event : Molaetsa
Date : 07 Apr 2024