Breaking News

Ba gakolotswe go godisetsa bana mo tumelong

03 Apr 2024

Maloko a General Foundation Apostolic Church in Jerusalem ba gakolotswe go godisetsa bana mo tumelong, go ba faposa mo masuleng a a apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba.

Se, se builwe ke Mopalamente wa Lerala/Maunatlala Rre Setlhabelo Modukanele ka Matlhatso, kwa bokopang jwa Paseka jwa kereke ya GFACJ kwa Goo-Sekgweng. Rre Modukanele  yo gape  e leng Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae a re kereke e tswa kgakala e le sekao sa popagano, tirisano mmogo le morafe le kgodisetso ya bana mo tumelong.

A re kgodiso ya banana le go netefatsa gore ba tswa mo mekgwatlheng ba tla mo kerekeng ke selo se se botlhokwa ka Setswana se re “Lore lo ojwa lo sa le metsi.”

 O ne a akgola GFACJ ka go rotloetsa banana ba kereke go phadisana ka bo bone ebile ba kgona go inaakanya le morafe ba tshameka kgwele ya dinao, mabelo le dikhwaere.

 Rre Modukanele a re o rurifatsa gore dilo tse, ke dikotla mo go godiseng tumelo le go aga motho a sale monnye. O tsweletse ka gore lefatshe leno le wetswe ke seru sa dipolaano, kgokgontsho ya bong, letlhoko la ditiro, mogote oo feteletseng le leuba gare ga tse dingwe mme ba lemoga mosola wa kereke mo go sidileng maikutlo ka lefoko la Modimo.

A re fa go leng tshidilo maikutlo teng, batho ba ka tsaya karolo mo ditirelong tsa sekeresete le tsa botshelo ka kakaretso. Rre Modukanele o kaile fa dikereke di thusa thata mo go ageng setho sa motho, e bile a le lorato, tlhong le kutlwelobotlhoko.

A re ba gakologelwe ka nako tsotlhe gore poifo modimo le go sala ditsela tsa gagwe morago ke tshimologo ya botlhale ebile motho yo o nang le bomolemo ke motho yoo nang le kagiso.

O akgoletse maloko a GFACJ go bo ba sa ipone tsapa go tswa ka metlhale ya go kokoanya madi a feleletsang kago ya kereke. Rre Modukanele o ba rotloeditse go tswelela ba tshwaragane le morafe go ba ngokele mo kerekeng.  Modulasitilo wa komiti kgolo ya kereke GFACJ Rre Obadia Simon a re maikaelelo ke gore mo bokopanong jo jwa paseka ba kokoanye madi a kago ya kereke.

Rre Simon a re ba setse ba simolotse moago wa kereke ka maikaelelo le keletso ya go e wetsa.  A re kereke ya bone e itlamile go diragatsa tsotlhe tse puso e di lopang mo direkeng le go sala melawana ya dikereke morago. Bishop wa kereke ya GFACJ Bishop Daniel Letsomane a re kereke e simolotse kwa Ratholo ka ngwaga 1947 dikereke di santse di tsena ka go iphitlha ka puso ya ga Mmamosadinyana.

Bishop Letsomane a re kereke ene ya fudugela kwa Goo-Sekgweng ntlokgolo ya yone ka ngwaga wa 1974.

 A re fa e sale kereke simolola bogologolo jole, bantse ba tsweletse ka go aga motho bogolo jang banana ba ba boifang Modimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : GOO- SEKGWENG

Event : bokopano jwa Paseka

Date : 03 Apr 2024