Palapye Secondary e abelwa ditilo
27 Mar 2024
Khamphane ya Johdee Mineral Processing e abetse sekole sa Palapye Junior Secondary ditilo di le 150.
Fa a rola ditilo tse di tlaa thusang mo letlhokong le le apereng sekole sa ditilo tsa baithuti le didirisiwa tse dingwe bosheng, mookamedi wa khamphani ya Johdee Mineral Processing, Rre Ian Kitchenmaster o supile fa maikaelelo a bone e le go thusa dikole le morafe o o fa lefelong le ba direlang mo go lone kana mo tikologong ya fa ba direlang teng. A re ke jaaka ba ne ba bone go le maleba go abela sekole sa Palapye Secondary ditilo, go tsholetsa seemo sa sekole gore e re fa baithuti ba ya sekoleng ba tsamaye ba na le tsholofelo.
O supile fa bokamoso jwa lefatshe bo tswa kwa sekoleng mme se tshwanetse se nne mo seemong se se amogelesegang mo baithuting.
Rre Kitchenmaster a re khamphane ya gagwe e direla Batswana ditiro mme mo nakong eno kwa Morupule Coal Mine kwa ba direlang teng, ba hirile badiri ba le 94 fa kwa khamphaneng e nngwe go bapa le Gaborone, ba hirile badiri ba le masome a matlhano e ntse e le Batswana.
A re o na le tsholofelo ya gore ditilo tseo di tlaa thusa sekole e bile le baithuti ba tlaa ithuta sentle fa ba le mo dithutong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi go na le gore ba nne fa fatshe jaaka go kgona go diragala.
O rotloeditse baithuti go reetsa barutabana ba bone le go itse fa thuto e le yone e ka ba isang golo gongwe. A re ditilo tse ba di abetseng sekole di thata mme di tlhoka tlhokomelo gore di tseye di dirisiwa sebaka.
Fa a amogela ditilo, mogolwane go tswa kwa lephateng la Thuto le Tlhabololo Dikitso, Rre Mosiiwa Kwenaekgakala o lebogile khamphani ya Johdee Mineral Processing go bo ba bone go le maleba go abela sekole ditilo.
A re ditilo tseo di tsile ka nako e e maleba ka e le nako e puso e santseng e le mo letlhokong la madi. A re seemo sa letlhoko la madi se simologile ka nako ya COVID- 19 mme puso e sa kgone go boela sentle kwa e neng e le teng le go neela dikole thuso e e maleba.
O ne gape a leboga ba na le seabe ba bangwe ba ba thusitseng sekole pele fa ba Johdee Mineral Processing ba se thusa, ba akaretsa Morupule Coal Mine ba ba agetseng sekole seo motlobo wa dibuka.
A re ditilo di tlaa thusa sekole seo fela thata ka mo nakong eno go na le baithuti ba ba nnang fa fatshe (on the floor) ntateng ya letlhoko la ditilo. A re khamphane e file sekole thuso e e maleba ka ba ne ba kile ba kopa ditilo mo batsading mme ga seka ga kgonega.
Mogokgo wa sekole, Mme Mositi Modisa le ene o ne a supa fa sekole se lebogela ditilo tseo tsa bathuti fela thata mme di tla a ba thusa mo seemong se ba leng mo go sone sa letlhoko la didirisiwa tsa sekole.
A re sekole sa gagwe se na le tlhaelo ya matlo a borutelo ntateng ya go oketsega ga dipalo tsa baithuti, letlhoko la ditilo le ditafole, tlhaelo ya matlwana a boitiketso, tlhaelo ya dikhomputara le letlhoko la maranyane.
Mme Modisa a re ba ne ba kile ba tsenyeditswa maranyane mme a na le ngwaga a ntse a sa dire mme a re puso e tsweletse ka go thusa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : Kabo dimpho
Date : 27 Mar 2024