Breaking News

Ramasesane o tlhophilwe kgosi kwa Bray

19 Sep 2023

Rre Olopeng Ramasesane o tlhophilwe go nna kgosi ya Bray mo kgaolong ya Tsabong.

Go tlhophiwa ga ga Rre Ramasesane ka matlhatso go tla  morago ga gore Kgosi Lenyeletse Kgannyeng a tlogele tiro ka bogodi ngwaga o o fetileng a se na go etelela pele morafe dingwaga  tse di masome a mararo le bosupa.

Motlhophisi wa ditlhopho tseo, yo e leng molaodi wa kgaolo ya Tsabong Rre Bigboy Mangwa, o rurifaditse maduo a tlhalosa fa go tlhophile batho  ba le makgolo a supa le masome a mabedi le bone) mo palong ya batho ba motse oo ba ba fetang sekete.

O tlhalositse fa ditlhopho di tsamaile sentle, mme maduo gammogo le metsotso ya diphuthego go baakanyetsa ditlhopho tseo di tla romelwa kwa go Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae Rre Kgotla Autlwetse go tsaya tshwetso go rurifatsa mofenyi.

Molaodi o lebogetse bontlhopeng le batsaakarolo botlhe tirisanyo mmogo, boitshwaro jo ba bo supileng go tlhomamisa gore go rena kagiso mo ditlhophong.

Go le pele fa a amogela morafe mo kgotleng motshwarelela bogosi jwa Bray Kgosi Philip Lorekang o ne a kopa bontlhopeng, le batsamaisi ba ditlhopho go tshwara ditlhopho ka matsetseleko, boikarabelo le tlotlo.

Fa a amogela maduo Ramasesane o ne a supa boitumelo jo bogolo, a leboga Ramasedi ka a kgonne ka thata ya gagwe.

Ditlhopho tseo di ne di tseneletswe ke bontlhopeng ba akaretsa Rre Dikago Kebonang, Rre Benny Ramokate, Rre George Makuku, Rre Thuso Raseiteo, Rre Odikanetswe Ramoremedi, Ado Radipitso, Rogers Moeng, Rre Baiponetse Maboyoboyo, Rre Kelebilemang Kgagole, Rre Olopeng Ramasesane, le Mme Janet Sejanamane.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Bray

Event : Tlhopho ya kgosi

Date : 19 Sep 2023