A matona a puso le bakwaledi ba nne le dithuto tse di lebanyeng
05 Jul 2022
Go botlhokwa gore matona a puso le bakwaledi ba maphata ba nne le dithutego le dikitso tse di maleba gore ditiro tsa maphata di tsamae ka thelelo.
Banni ba Mokhomma le metse e e mabapi ba buile se e le bontlha-bongwe jwa megopolo e ba neng ba e baya pele Lekoko le le romilweng ke tautona go phutha megopolo mo setshabeng ka tshekatsheko ya molao-motheo kwa phuthegong maabane.
Rre Tshepiso Wamasole wa Mokhomma o boletse gore batho ba ba nang le dikitso tse di tshwanetseng ba ka tlhabolola boleng jwa tiro ya maphata, selo se a kaileng fa se ka sologela lefatshe molemo go menagane.
Mo go tse dingwe, Rre Wamasole o ne a tlhalosa fa batho ba motse wa gaabo ba tshwenngwa ke go ya magoletsa ga bogodu jwa leruo, a supa fa ka ntlha ya se, ba eletsa gore molao o seka wa letla babelaelwa ba dikgang tse go nna le babueledi.
A re go nna le babueledi go falodisa basekisiwa mme seo se ba rotloetse go tswelela ba amoga barui ditsa bone.
Fa ba gatelela kgang ya gore matona a puso a abiwe ka maphata go lebilwe dikitso le dithutego tsa bone, banni ba Thankane bone ba ne ba kopa gore maemo ao a tladiwe ka badirelapuso ba maemo a a kwa godimo.
Moemedi wa banni bao, Rre Ontiretse Barolong, a re bodirelapuso bo humile batho ba dithutego tse di kwa godimo, ka jalo go ka nna bonolo go bona batho ba ba maleba go ka nna matona.
Mo kgannyeng e sele, Rre Barolong o ne a supa fa ba eletsa gape gore Batswana ba letlelesege go nna le boagedi jwa mafatshe a mabedi.
A re seo se ka ba fa sebaka sa go akola tse di molemo tsa mafatshe oo-mabedi, segolo jang fa mongwe wa batsadi e le moagedi wa lefatshe le sele.
Rre Tefoyaone Kokong wa Lefhoko ene o boletse fa kwa motseng oo ba eletsa gore batho ba ba batlang go nna matona a puso ba ipapatse mme ba tlhophiwe ke setshaba.
Mme Boitumelo Aogane o ne a rola mogopolo wa gore gangwe le gape go dirwe tshekatsheko e e tseneletseng ya mosepele wa lefatshe wa ditlhabololo.
A re go dira jalo go ka thusa go tlhomamisa gore mafelo a a saletseng kwa morago mo ditlhabololong a lemogwe go sale gale. Mo boemong jwa banni ba Tsonyane, Rre Mompoloki Lesetedi, o supile fa palo e e kwa godimo ya makgetho a a lopiwang mo Batswaneng e ba kokonela segolo jang ka bontsi bo aperwe ke letlhoko la ditiro.
Ka jalo, a re molao o tshwanetse go imolola Batswana morwalo ka go fokotsa palo ya makgetho. Rre Mothibedi Mosimanewatshipi wa Betesankwe o tlhaloseditse lekoko fa melato ya matshosetsi a polao e tshwenya ka e sa bepe.
A re ke keletso ya bone gore dikotlhao tsa melato eo di gagamadiwe go laola seemo.
Ba Maokane bone ba ne ba kopa gore badira-molato ba ba ipoeletsang go dira melato e e masisi jaaka ya polao, ya thubetso le go kgothosa ka dikgoka ba kganelwe go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo.
Mo ntlheng e sele, moemedi wa Maokane, Mme Golekwang Balulami, o kopile gore dikgaolo-potlana tsotlhe di tsholediwe go nna dikgaolo tse di feletseng, a supa fa moo go ka nolofatsa kanamiso ya ditlhabololo.
Rre Terena Mabego wa komiti ya balemi-barui kwa Maokane o boletse fa ba ngongoregela go tlhoka go lemogwa ke molao-motheo ga komiti eo.
A re se, se dira gore ba bone tthuso e e tlhaelang kwa pusong.
Rre Mabego a re, fela jaaka go ntse ka komiti ya ditlhabololo tsa motse, ba eletsa gore maloko a komiti ya bone le bone ba fiwe lemmenyana la itshetso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MOKHOMMA
Event : tshekatsheko ya molao-motheo
Date : 05 Jul 2022








