Breaking News

A banyalani ba tlhakanele polokelo ya madi

04 Jul 2022

Banyalani ba ba nyalaneng ka tlhakanelo dithoto ba tshwanetse go tlhakanela polokelo ya madi go tila tsietso. 

Modulosetilo wa Dingwetsi Association kwa Morwamosu, Mme Oshahaditswe Tlhapagwane o buile jaana mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo mo setshabeng ka tshekatsheko ya molao-motheo kwa Mabutsane ka Mosupologo.

“A polokelo ya madi ya banyalani ba ba tlhakanetseng dithoto e nne nngwefela re tle re bone madi a a tsenang le a a tswang,” o ne a bua jaana. 

Go tila tlhalo e ntsi e e apereng manyalo, Mme Tlhapagwane o ne a kopa gore go nne ka fa molao-motheong gore banyalani ba e leng badirelapuso ba berekele golo go le gongwe. 

Ntlha e nngwe e Mme Tlhapagwane a tlhalositseng fa e sa robatse lekgotla la gagwe ke seemo sa gore bana ba ba tsholetsweng kwa ntle ga lenyalo ba bonale fela ka nako e borrabo ba ka nako eo ba a bong ba setse ba nyetse ba tlhokafalang; selo se a tlhalositseng fa e le kgokgontsho mo motlholagading. 

A re ka jalo go batla gore molao o gagamale gore o sireletse batlholagadi mo bajabosweng ba ba runyang ka nako eo ya khutsafalo. 

Fa a rola megopolo mo boemong jwa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Kokong, Mme Tsholofelo Zulu o ne a tlhalosa fa nako e gorogile ya gore dikomiti tsa go nna jalo di nne bontlha bongwe jwa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae di be di lemogwe ka fa molaong. 

Komiti eo go ya ka Mme Zulu e tshwanetse gape ya fetolwa leina go nna Village Development Board mme maloko a yone a tshwanetseng go bo a badile lekwalo la bosupa kgotsa go feta. 

“A maloko a komiti e e nne batho ba ba badileng lekwalo la bosupa go ya kwa godimo e seng gore ba bo ba itse go bala le go kwala fela,” o ne a bua jaana. 

Rre Kesolofetse Mokaedi wa lekgotla la baruti la Mabutsane o ne a baya lekoko pele mogopolo wa gore baruti ba tshwanetse ba fiwa matsana a go tsenelela ditiro tsa setshaba. 

Go ya ka Rre Makaedi, lekgotla la baruti le kgatlhanong le mogopolo wa gore dikgosi di tsenelele dipolotiki. 

“A Taoutona, moruti ga mmogo le kgosi ba bo ba nyetse ka nako ya fa ba tlhongwa mo maemong,” o ne a kopa jaana. 

Mo go tsa boswa, Rre Mokaedi o supile fa nako e gorogile ya gore bana ba bana ba letlelelwe go nna bajaboswa kwa ga bone mogolo, segolo jang fa batsadi ba bone ba tlhokafetse. 

O ne a kopa gape gore molao o fefose dikgang tsotlhe tsa petelelo tse di amang bana. ends

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : MABUTSANE

Event : Tshekatsheko ya molao-motheo

Date : 04 Jul 2022