Balaodi ba kopiwa go boloka dikitso tsa badirela puso ba pele
21 Jun 2022
Balaodi ba tshwanetse go boloka kitso ka badirelapuso ba ba tlogetseng tiro ka bogodi gore go nne bonolo go itshwaranya le bone fa go tlhokafala.
Se ke keletso ya mokgatlho wa bomme ba ba nyetsweng kwa Bobirwa mme ba tlholega kwa Kgatleng wa Bakgatla Babirwa Women’s Association.
Fa a rola dikeletso tsa bone kwa phuthegong ya Lekoko le le Tlhomilweng ke Tautona go Phutha Megopolo ka Tshekatsheko ya Molao-motheo kwa Bobonong maabane, moemedi wa lekgotla leo, Mme Irene Ngwako, o boletse fa badirelapuso ba pele ba humile dikitso tsa botlhokwa tse di ka sologelang lefatshe molemo.
A re ka ntlha ya se, go botlhokwa gore ka dinako tsotlhe go bo go itsewe gore mang o kae gore fa a tlhokwa a bonwe ntle le tiego.
Mo go tse dingwe, Mme Ngwako o kopile gore molao wa manyalo o akarediwe mo molao-motheong, mme mo go one go nne le tsetlana e e tlamang gore batho botlhe ba ba eletsang go tsena mo nyalong go amogela bogakolodi ka nyalo.
A re go dira jalo go ka thusa batho go tsena mo nyalong ba na le lesedi ka yone, mme seo se thuse go fokotsa bokete jo malwapa a thubegang ka jone.
O kopile gape gore manyalo a Setswana a direlwe setlankana se le sengwe se se tlaa dirisiwang ke botlhe e seng jaaka mo nakong eno mo merafe ka go farologana e nang le ditlankana tsa yone ka bongwe ka bongwe. Go sale foo, Mme Ngwako o ntshitse mogopolo wa gore tona wa tsa madi a tlhongwe go nna molebeledi-mogolo wa madi a bogodi a badirelapuso, seo e le tsela ya go tlhomamisa pabalesego ya madi ao.
O boletse fa magatwe a go sa tshwarwa sentle ga dipoloko tsa babereki a tshwenya mme go le mo maruding a puso go baakanya seemo ka go dira melao e e maleba.
Moemedi wa lekgotla la balemi-barui la Temo Dijo Farmers Society, Rre Nicholas Rakodu, ene o ne a gakolola ka botlhokwa jwa go emisa tsamaiso ya lefatshe la beng (freehold) le gore le le leng teng le tsenngwe mo diatleng tsa puso.
A re ga go a lebana gore batho bangwe ba bo ba tshwere lefatshe le puso e senang thata mo go lone.
E ne ya re le fa a nesetsa pula molao o mosha wa tsamaiso lefatshe la morafe, Rre Rakodu a ngongorega ka P3 000 yo o duelwang fa motho a fudusetsa lefatshe kwa go yo mongwe.
A re madi ao a tshwanetse go fokodiwa go itsa gore a fetoge sekgoreletsi mo Batswaneng.
Rre Rakodu o supile fa ba eletsa gape gore dikgaolo-potlana tsotlhe di tsholediwe go nna dikgaolo tse di tletseng. Mo boemong jwa lekgotla la Botswana Civil Service Pensioners Association kwa Bobonong, Rre Judah Marumo, o tlhalositse fa bone ba batla gore thulaganyo ya mapalamente le makhanselara a a itlhophetsweng e eme.
A re go ya ka bone, thulaganyo eo ga e dirisiwe sentle ka fa gongwe go akarediwa le batho ba ba latlhegetsweng ke ditlhopho.
Fa a tshwaela mo boemong jwa lekgotla la baruti, Moruti Moses Meshack ene o ne a kopa gore palo ya maloko ya 150 e e tlhokwang gore motho a bo a ka bula kereke e fokodiwe ka e tlaa paledisa batho go araba thomo ya Modimo ya go tlhoma dikereke. ends
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : BOBONONG
Event : Tshekatsheko ya molao-motheo
Date : 21 Jun 2022







