Breaking News

A badirelapuso ba tlhophe mo ditlhophong tsa peo-letlhokwa

20 Jun 2022

Molao o tshwanetse wa letlelela badirela-puso go tsaya karolo mo ditlhophong tsa peo-letlhokwa fela jaaka motswana mongwe le mongwe. Makgotla a Botswana Manual Workers Union, Botswana Teachers Union (BTU) le Botswana Sectors of Educators Trade Union (BOSETU) a boletse se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Lekoko le le romilweng ke Tautona go phutha megopolo mo setšhabeng ka tshekatsheko ya molao-motheo mo Selebi-Phikwe Bophirima ka Mosopologo.

“Tshwanelo ya bone a ba e neelwe,” ga bua jalo Rre Kelebogile Oatweng wa Manual Workers Unions. 

O tlhalositse fa badirela-puso ba na le tshwanelo ya go tsaya karolo mo sepolotiking, ka jalo molao-motheo o tshwanetse wa dira gotlhe go ba naya tshwanelo ya go nna jalo. 

Malebang le thuto le khiro Rre Oatweng o ne a tlhalosetsa lekoko fa e le keletso ya makgotla a BTU le BOSETU gore ditshwanelo tsa khiro le thuto di ropame mo molao-motheo wa lefatshe la Botswana mme e bile thuto e patelediwe. 

Mafoko a ga Rre Oatweng a ne a iteelwa moroko ke Rre Samuel Molatlhegi yo le ene a neng a emetse makgotla a BTU le BOSETU. O tlhalositse fa dikgang tsa pereko le makgotla a a emetseng babereki di tshwanetse go nna kwa setlhoeng le go lemogwa ke molao-motheo. 

Mo dikgannyeng tse pedi tse di di gogang kwa pele tse di amang maemo a botautona o ne a re: “Rona ga re eme nokeng mogopolo wa gore tautona a tlhatlhangwe e bile re kgatlhanong le molao o o reng tautona ha a le mo sitilong ga a sekisewe”. 

Fa a itebaganya le tsa bosekisi, Rre Molatlhegi o ne a tlhalosa fa nako e gorogile gore makgotla a magolo a ditsheko ke gore High Courts, a nne teng lefatshe ka bophara, gore Batswana ba kgone go itsheka sentle kwa ba leng teng. 

Fa ba baya lekoko pele megopolo ya bone, ba lekalana la Botswana Nurses Union mo Toropong ya Selebi-Phikwe ba ne ba re molao-motheo o tshwanetse wa naya dikgosi dithata go aba lefatshe. 

Rre Oageng Baraedi, yo neng a emetse lekgotla leo, o ne gape a kopa gore molao-motheo o dire gore dithata tsa matshego a puso a a mararo e bong Palamente, Khudu-Thamaga ya Puso le la Bosekisi di a itsheka, go sena lepe le le herelelang mo go a mangwe. 

Lekgotla la Children’s Consultative Forum le le neng le emetswe ke Rre Thabo Chinyolo le ne la kopa gore go elwe tlhoko dintlha tse di latelang; gore tshwanelo ya bana kgatlhanong le go dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo e a sirelediwa; batsadi kgotsa batlhokomedi ba ba sa begeng go sotlakakwa le go sukurwa ga bana ba sekisiwe, le gore puso e tshwanetse ya tlamega go aga makgotla a ditsheko a dikgang tsa bana fela jaaka Molao wa Bana o tlhalosa. 

O ne a tswelela a re: “Molao-motheo o tshwanetse gape wa emisa go nyalwa ga bana mme wa tsisa dikotlhao tse di gagametseng kgatlhanong le ope yo o tlolang molao o”. 

Moemedi wa Nkgobothwane Multi-purpose Cooperation, Rre Christopher Molelo ene o ne a tlhalosa fa molao-motheo o tswanetse go dirwa go ikaegilwe ka ngwao ya Setswana a gatelela gore molao o tshwanetse wa neela magosi dithata go tsosolosa ngwao le ditsamaiso tsa merafe. 

A re e le ba Nkgobothwane ba eletsa gore go nne ka fa molaong gore puso e gape masimo a fetogileng magola mme e a tlhabolole go a neela Batswana ba ba tlhwaafaletseng go ntshetsa lefatshe dijo. 

“Re eletsa gape gore komiti ya ditlhabololo ya motse e fetolwe go nna komiti ya ditlhabololo ya kgaolo, e jaanong e tlaa fiwang madi go lere ditlhabololo,” o ne a bua jalo, a tlatsa ka gore ba koporase ya gagwe ba eletsa go bona puso e dirisa batswakwa ba ba tsenang mo lefatsheng leno e se ka fa molaong mo masimong go ntsha dijo. 

Mo kamanong ya batho ba bong jo bo tshwanang, Rre Molelo o kopile gore puso e dire patlo maikutlo ka kgang e go batla tharabololo ya yone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Tshekatsheko ya molao-motheo

Date : 20 Jun 2022