Breaking News

Dingaka tsa setso di batla tshireletso

19 Jun 2022

Go tshwanetse ga nna le molao o o ka tsamaisang wa ba wa sireletsa serudumo sa bongaka jwa setso kgatlhanong le borukutlhi jo bo dirwang ke baaki bangwe ba ba ipitsang dingaka. 

Boikuelo jo bo dirilwe ke Rre Tamocha Tafila mo phuthegong ya makgotla a a ikemetseng, e e neng e buisiwa ke lekoko le le romilweng ke Tautona go phutlha megopolo mo setšhabeng ka tshekatsheko ya molao-motheo kwa Toropong ya selebi-phikwe ka Labotlhano. 

Rre Tafila yo e leng ngaka ya setso, a re go tlhoka molao o o sireletsang bongaka jwa setso go leswafaditse thata leina la bongaka joo. 

“Fa molao o o ka nna teng re tla kgona go lwantsha borukutlhi jo,” a bua jalo a supa fa bone ele ba Dingaka Tsa Setso Association ba tshwenyegile thata ka diemo tse o fitlhelang batho ba titietse metlhakanyo ka mabotlolo mo mebileng, a re metlhakanyo eo e ka nna borai mo setšhabeng. 

Se se tshwenyang Rre Tafila ke gore batho ba go nna jalo ga ba na ditlankana tsa bongaka e bile ga gona le one motlhala wa gore ba ithutetse bongaka kae. 

O tlhaloseditse lekoko fa a tshwenngwa segolo-bogolo ke gore le fa batho ba go nna jalo ba ka ripotiwa ko go ba molao, ga gona molato o ba ka o lebisiwang ka go sena molao ope o o kgatlhanong le se ba se dirang. 

A re o ngomolwa pelo ke gore le batho fela ba ba tswang kwa mafatsheng a sele ba tsena mo lefatsheng la Botswana ba ja Batswana ntsoma ka bongaka jo bo sokameng ebile bo sena boammaaruri. 

Ko ntle ga go kopa gore go tlhongwe lephata le le itebagantseng le bongaka ja setso, Rre Tafila o ne a kopa gore puso e dire gore dingaka tsa setso di thusiwe ka thulaganyo ya di-tswa-phologolong ka ele karolo e e botlhokwa thata mo bongakeng jwa setso. 

Rre Leburu Gapongwe wa BOMASE Civil Society Network ene o ne a tlhalosetsa lekoko fa e le keletso ya lekgotla la gagwe gore bontlhopheng fela botlhe ba tlamege ka fa molaong go supa tsotlhe tse ba nang le tsone pele ga ditlhopho, go hema tshenyetso setšhaba 

“Ke keletso ya rona gape gore mapolotiki ba emele ditlhopho makgetho a le mabedi fela ba bo ba sutela batho ba bangwe,” a rialo, a kopa gape gore molao-motheo wa lefatshe la Botswana o letlelele batho ba bong jo bo tshwanang go nyalana. 

Molao-motheo go ya ka Rre Gapongwe o tshwanetse wa neela Motswana mongwe le mongwe tshwanelo ya lefatshe, tiro, botsogo ga mmogo le metsi a a phepa. 

Fa a ntsha la gagwe, moemedi wa ba-na-le bogole, Mme Ntsemane Gaopelo o ne a ngongorega ka go sa tseweng ka tekatekano ga bone. 

A re nako e gorogile jaanong ya gore molao-motheo o sireletse ditshwanelo tsa bana-le bogole kgatlhanong le go tsuololwa. 

Mme Gaopelo o ne gape a ntsha mogopolo wa gore go simolodisiwe thutuntsho ya go bua go dirisiwa diatla mo dikolong ele tsela ya go lemoga ba-na-le bogole. Bishop Kesegofetse Mandelo ene o ne a a kopa gore go molao-motheong o papamatse gore lefatshe leno ke la sekeresete le gore tshwanelo ya kobamo e tshwanetse e tsepame. 

O ne a lela thata ka molao o o dirisiwang mo nakong eno wa go kwadisa dikereke o o laolang gore kereke e ka kwadisiwa semmuso fela fa ena le maloko a le lekgolo le masome a matlhano, selo se a rileng se tshwanetse sa fetolwa go dira gore dipalo tsa maloko e nne masome a mararo fela. Go ya ka Rre Mandelo le lekoko la gagwe la baruti, Tautona le Mothusi wa gagwe ba tshwanetse ba itlhophelwa ke setšhaba. 

“Ha go ka diragala gore Tautona a ba a se mo seemong sa go etelela ka lebaka lepe hela, mothusa Tautona o tlaa tsaya marapo mme go nne le ditlhopho tsa setšhaba go kaba phatlha ya mothusa Tautona,” a wetsa jalo. ends

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Tshekatsheko Molao

Date : 19 Jun 2022