Kwa Serowe ditsha tsa bofelo tsa bonno di beilwe ka 2012
17 Mar 2022
Peo ya bofelo ya ditsha tsa bonno kwa Serowe e nnile ka 2012, go bewa batho ba ba neng ba ikopela ditsha ka 2005.
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha le lebotlana kwa Serowe, Rre Mpho Kooreme o ne a bua jaana kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Serowe Bophirima, Rre Tshekedi Khama kwa dikgotleng tsa Sebinanyana le Chichana Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome le borataro.
A re lekgotla le lebotlana la kabo ditsha le amogela gore go na le tiego ya go aba ditsha, mme tiego e, e bakwa ke gore lefatshe la bonno ga le yo.
Rre Kooreme o ne a tsibogela dingongora tsa banni ba dikgotla tseo, ba ba neng ngongoregela gore ga ba bewe ditsha e bile go tsaya dingwaga tse dintsi go baya ditsha mo ba felelang ba nna ba le bantsi mo malwapeng.
Rre Kooreme o kopile bogogi jwa Serowe le banni go thusana le ba kabo ditsha mo kgannyeng ya lefatshe, ka go ba thusa go bona lefatshe le le ka tswang le le teng fa gare ga motse ka go lebega go ka nna le diphatlha tse di ka bewang batho.
A re go a kgonagala gore go nne le lefatshe le le ka dirang ditsha di le dintsi fa gare ga motse le ba kabo ditsha ba sa le itseng mme ka thuso ya banni ba dikgotla ka go farologana, le ka kgona go bonala.
Rre Kooreme o supile fa Serowe a golela kwa go leng masimo teng mme kgwetlho e nngwe e le go buisana le beng ba masimo gore ba reke masimo ao mo go bone, go sega ditsha tsa bonno.
A re lekgotla la kabo ditsha le santse le sekaseka gore fa le tsaya ditsha tsa masimo mo go beng ba tsone go sega ditsha tsa bonno, ba ka ba duela jang ka bontsi bo ngongorega gore ditlhwatlhwa tse ba rekang masimo ka tsone di kwa tlase.
O ne a itsese banni fa ba lekgotla la kabo ditsha ba bone lefatshe lengwe go bapa le kgotla ya Tshikinyega le kgotla ya Dinokwane mme ba emetse moalo go tswa kwa khansele.
A re thulaganyo e e tsaya nako ka go nna le ditlhatlhobo tse di rileng go bona gore a lefatshe leo le siame, a re banni ba seka ba fela pelo.
Rre Kooreme a re ba-na-lebogole le banana ba ba thusitsweng ka lenaneo la YDF kana CEDA ga ba tsene mo moleng wa ikopelo ditsha, ba fiwa ditsha gone foo.
A re ba lekgotla la kabo ditsha ba patikwa ke molao go fa ba-na-le bogole le banana ditsha.
O kopile ba ba amegileng go tla kwa diofising gore ba bone gore ba ka ba fa thuso efe.
Rre Kooreme o ne a kopa setshaba go emisa thekiso ya ditsha.
A re e le ba kabo ditsha, ba itemogetse fa bontsi jwa batho ba rekisa ditsha tsa bone mme ba felele ba se na ditsha gotlhelele.
A re go utlwisa botlhoko ka bangwe ba di rekisa lone letsatsi le ba di fiwang ka lone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Mar 2022








