Ba kopiwa go dirisanya le babadi
17 Mar 2022
Mothusa Molaodi wa kgaolo-potlana ya Boteti, Rre Ewetse Selelo o kopile morafe wa Letlhakane go amogela babadi ba batho mo malwapeng a bone.
Rre Selelo o buile jaana Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome le bone mo phuthegong ya kgotla kwa Letlhakane fa a ne a itsese morafe fa palo batho e tlaa simolola.
O ne a ba tshephisa fa dipotso tse ba tlaa di bodiwang e tlaa nna phitlhela kgomo ya serotswana magareng ga babadi le morafe, a supa fa ba tlaa ikanisediwa go dibela diphiri.
Rre Selelo o tlhalositse fa Motswana mongwe le mongwe a tshwanetse gore a balwe, mme a tswelela a tlhalosa gore dinako tse di beilweng ke go leka go dira gore babadi ba kgone go bona Batswana ka nako e ba tlaa bong ba le mo malwapeng ka yone.
Dinako tseo ke 6:30 mo mosong go fitlha ka 8:30 ka lotlatlana.
O ne a tlhalosa botlhokwa jwa palo-batho, a supa fa ditshwetso tsotlhe tse di tsewang di dirwa go lebilwe palo ya batho.
Rre Selelo o ne a kopa dikgosi go rotloetsa le go rapedisa Batswana go dirisana sentle le babadi.
O ne a tlhalosa fa metse ya Mokubilo, Mmeya le Makgaba e isitswe kwa Tutume mo thulaganyong ya palo-batho fela, mme ditirelo tsa puso ba tlaa di tsaya mo Boteti.
Palo-batho e thapile banana ba le 268 mo kgaolong ya Boteti.
Fa a akgela, Rre Gorongwamang Baitsile go tswa Kedia, o ne a tlhalosa fa ba na le batho ba ba nnang mo nageng kwa ntle ga motse mme e bile ba sena bo Omang.
Mokhanselara wa Letlhakane, Rre Molemi Galeragwe o ne a tlhalosa fa sekano sa Mpala ke botlhokwa se tshwanetse sa gwetlha Batswana gore ba itse fa ba le botlhokwa mme ba tshwanetswe go balwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thandy Tebogo
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Mar 2022








