Breaking News

Sireletsa bana-le-bogole ka mo go faphegileng Dr Moremi

13 Mar 2022

Molao-motheo o tshwanetse wa lemoga wa ba wa sireletsa bana-le-bogole ka mo go faphegileng gore puso kgotsa motho ope fela mo setshabeng yo go ka fitlhelwang a ba gataka a bo a ka tseelwe dikgato tse di maleba. Se se builwe ke mogokaganyi wa Madikwe Community Care Group, Dr Lilian Moremi jaaka a ne a latlhela la mmotlana mo phuthegong ya tshekatsheko molao-motheo ka Labotlhano kwa motsing wa Mmathubudukwane mo kgaolong ya Kgatleng. 

Dr Moremi a re fela bana-le-bogole ba lebanywe ke dikgwetlho di akaretsa lehuma, dipetelelo, malwetse le tse dingwe fela jalo. A re nngwe ya ditsela tse puso e ka tlhokomelang bana-le-bogole ka yone ke ka go bona gore mafelo a ba tlhokomelelwang ko go one a neelwa ditsompelo di akaretsa, bodiredi, dikoloi le tse dingwe. 

“Gape go botlhokwa gore bana-le-bogole ba nne le kemedi mo ditsamaisong ka go farologana gore ba kgone go ipuelela mo dikgangnyeng tse di ba amang. Batlhokomedi le bone ba tlhoka go sidilwa maikutlo mo go tseneletseng mo mafelong a a gaufi le bone,” a tlhalosa jalo. 

A re bagodi le bone ba tshwanetse ba akarediwa ke molao e seng fela ka tantabala kgwedi e fela , mme ban ewe gape tlhokomelo e e nitameng ya bagodi. O supile gape fa go le botlhokwa fela thata gore mekgatlho e e ikemetseng ka nosi e e berekang le puso go tlhabolola lefatshe le matshelo a setŠhaba e lemogwe ka fa molaong. 

A re go Maswabi gore ere ntswa mekgatlho eo e dira tiro e kgolo mo setshabeng e be e santse e kgethololwa ebile e lejwa o kare ke metsenelela mo dikgangnyeng tse di amang morafe. Motshwarelela Moeteledipele wa mokgatlho wa Botswana Council of Women (BCW), Mme Francinah Ramatlhakwane ene o ne a kopa gore puso e sireletse ka fa molaong ebe e tlhape mogokaganyi wa mokgatlho gore o lese go jewa ntsoma ke batho bangwe ba ba tleng ba adime teseletso ya mokgatlho oo ya MmaBontle. 

“Ba tsaya license ya rona ba ikhumisa mme ba sa fe mokgatlho sepe. A goromente wa rona wa Botswana a re thuse ka molao go laola teseletso e ya mmabontle gore re tle re bone sengwe re le mokgatlho,” a bua jalo. Mo go tse dingwe Mme Ramatlhakwane o supile fa ba dumalana le dintlha di le mmalwa di tshwana le tsa go tsweledisiwa ga polao ya batho ba ba bolayang ba bangwe, le go kaletsa dibeteledi tse di padileng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mooketsi Mojalemotho

Location : MMATHUBUDUKWANE

Event : Tshekatsheko ya molao-motheo

Date : 13 Mar 2022