Breaking News

Mopalamente o lela ka tiego ya kabo ditsha

20 Jun 2021

Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Rre Yandani Boko, a re o tshwenngwa ke tiego ya kabo ditsha kwa Mookane.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Mookane ka Laboraro, Rre Boko o boletse fa tiego ya kabo ditsha e kgoreletsa ditlhabololo jaaka kgokelelo ya motlakase le metsi. 

Mo maitekong a go rarabolola mathata a kabo ditsha le go gokela metsi le motlase, Rre Boko o ne a tshwara phuthego ee neng e tsenwe ke ditlhogo dingwe tsa maphata.

Fa a fetola, mothusa modulasetilo wa lekgotla le le potlana la kabo ditsha la Mahalapye, Rre Jenamo Morupisi, o ne a supa fa peo ya ditsha tsa bonno kwa Mookane e dirilwe labofelo ka ngwaga wa 2014, mme ba tsweletse ka go baakanyetsa go baya ditsha tse dingwe go tloga ka kgwedi ya Hirikgong ngwaga oo tlang. 

A re go setswe go dirilwe thulaganyo yotlhe, mme go setse go segiwa ga ditsha.

Mokwaledi wa legotla le le potlana la kabo ditsha la Mahalapye, Rre Ontisitse Keineetse ene o supile ngongorego ka dipalo tse di tsweletseng ka go oketsega tsa batho ba ba rekisang ditsha fa ba sena go di abelwa. 

A re ba kgona go amogela dikopo tse di feta makgolo a mararo ka letsatsi.

Mo godimo ga moo, Rre Keineetse o supile matshwenyego ka batho ba ba diegang go tlhabolola ditsha fa ba sena go bewa ga mmogo le go baya mekono ya sennelaruri gore ditsha di seka tsa ba timelela. 

Diemo tse di supa fa batho ba ikgatholosa ditsetlana tse di kwadilweng mo setlankaneng sa setsha, mme ba felele ba ba imetsa tiro ya go ba batlisa ditsha sesha.

Kgang e nngwe e tshwenyang, Mopalamente Boko ke go ikamanya le sepolotiki ga badirelapuso bangwe. 

A re go ikamanya le sepolotiki go a tshwenya ka gore go diya ditlhabololo le go isa ditirelo kwa setshabeng.

O tlhalositse gore lefatshe ga le kake la tswelela fa e le gore badiredi ba ikamanya le sepolotiki.

Mo go tse dingwe, Rre Boko o rotloeditse banni ba Mookane go ipabalela mo go tsenweng ke bolwetse jwa COVID-19 ka go obamela melawana yotlhe e beilweng ke ba botsogo go lwantsha kanamo ya mogare wa corona. 

Rre Boko o tlhalositse fa mogare wa corona o santse o le teng e bile o tsena mongwe le mongwe.

“Le nna ke ne ke tsenwe ke COVID-19 maloba. Mme ke ne ka kgona go tsoga mo diphateng tse dibolelo. Ke gore re direng ka natla go hema go tsenwa ke bolwetse bo ka go rwala dibipa dinko le melomo, go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa ka metsi a phepha le molora kgotsa sebolaya megare le go nna re katologane,” ga bua Rre Boko.

Rre Boko o kgadile dikgang tsa kgokgontsho ya bong, mme a rotloetsa bomme le bana gore ba seka ba boifa go ikuela mo go ba sebodisi le baeteledipele ba ba farologaneng.

Fa a ntsha la gagwe, Kgosi ya Mookane, Kgosi Isabella Tshipana o lebogetse Rre Boko go bo a bone go le botlhokwa go tla go lekola motse le go ba lekodisa ka se a tsweletseng ka go se dira go rarabolola matshwenyego a banni ba Mookane.

Go ya ka pego ya modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Samuel Leimela o tlhalositse fa go agiwa ga metlobo ya dibuka, ntlwana ya borutelo ko sekoleng se se botlana sa Mookane le maobo a mo dikgotlaneng go tsweletse sentle.

Le fa gontse jalo, Rre Leimela o ngongoregile ka letlhoko la matlo a boroko a badirelapuso, bogolo jang barutabana le mapodisi le seemo se se sa kgatlhiseng sa lefelo le go bewang badira molato mo go lone kwa kgotleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : MOOKANE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 20 Jun 2021