Breaking News

Motlhaba konokono ya itsholelo

13 May 2021

Tona wa Di-tswa mmung, Boranyane jwa Pabalelo Tikologo le Tlhomamiso tsa Kgotetso, Rre Lefoko Moagi o tlhalositse fa motlhaba e le konokono ya itsholelo ka o dirisiwa go diragatsa ditlhabololo mo lefatsheng ka bophara.

O buile jaana ka Mosupologo kwa Mahalapye mo phuthegong, e e neng e tseneletswe ke boeteledipele jwa kgaolo-potlana ya Mahalapye, e maikaelelo a yone e neng e le go amogana megopolo ya gore go dirwe jang go lwantsha seemo se se tshwenyang sa batho ba ba tsweletseng ka go utswa motlhaba mo nokeng ya Mahalapye ba sena diteseletso.

Kgang ya bogodu jwa motlhaba, Tona Moagi a re e tlhoka go emelwa ka dinao ke ba-na-le  seabe botlhe. 

A re gore motho a fiwe teseletso ya go gweba ka motlhaba, gona le thulaganyo e e dirwang e akaretsa lephala la tsa tikologo, la ditsha gammogo le ba bogosi mme teseletso e ntshiwe kwa morago fa motho a sena go diragatsa tsotlhe tse a di lopilweng.

Tona a re go na le barui ba ba nosang leruo mo nokeng le balemi ba ba nosetsang dijalo tsa bone ka metsi a noka, ka jalo  noka e tshwanelwa ke go babalelwa go thusa balemi-barui bao.

“Ke ka moo ke tsileng kwano gore re tle go kopana re neelane gore seemo se sa go epiwa ga motlhaba se ka rarabololwa jang,” a tlatsa.

Nngwe ya dikakanyo tse di leng teng go rarabolola seemo se, Tona Moagi a re ke go kopa banni ba metse e e dikologileng dinoka le melatswana go bopa makgotla  gore diteseletso tsa go epa motlhaba di ntshiwe mo bathong e nne maikarabelo a mokgatho.

Tona Moagi o rotloeditse ba ba gwebang ka motlhaba go inaakanya le lephata la gagwe go ikopela diteseletso tsa madirelo a a silang mantswe go dira metlhaba go na le go epa motlhaba mo dinokeng.

 A re go ne ga tsewa tshwetso ya go emisa go epiwa ga metlhaba kwa Borwa jwa lefatshe, ke ka moo bangwe ba bagwebi ba motlhaba ba ikganeletseng kwa nokeng ya Mahalapye.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye o ngongoregile ka fa noka ya Mahalapye e setseng e onaditswe ke batho ba ba epang motlhaba mo go yone ba sena diteseletso ka teng.

Seemo se, Kgosi Segotsi a re se a tshwenya ka barui le bone ba nosa mo nokeng e.

Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Rre Yandani Boko o lebogetse leeto la ga tona.

A re go supa fa a tsaya tsiya selelo sa banni ba kgaolo-potlana ya Mahalapye ka seemo se se duleng mo tseleng sa go epiwa ga motlhaba mo nokeng ya Mahalapye ke batho ba ba senang diteseletso. 

Rre Boko o kopile ba sepodisi go dira ka natla go lwantsha seemo se.

“E kete kgang e e ka rarabololwa ka bofefo ka gore seemo se se rotloetsa borukutlhi, gape se kgotlela tikologo. 

Banni ba Mokoswana, Kudumatse le Setsile ba ne jaanong ba setse ba tsaya tshwetso ya go emisa dikoloi tsa megobagoba go tsena ka metse ya bone go leka go lwantsha borukutlhi jo,” ga bua Rre Boko.

Mo mafokong a gagwe a malebo, Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere o kopile Tona Moagi go sekaseka go tswala go epiwa ga motlhaba mo nokeng ya Mahalapye ka nakwana gore noka le tikologo di kgone go boela mo seemong se se nametsang. 

Go neela lekgotla marapo a go laola go epiwa ga metlhaba mo dinokeng le melatswana, Rre Tshere a re ke mogopolo o montle.  

O tlhalosa fa banni ba Mahalapye ba setse ba gatetse pele ka go tsosolosa Mahalapye Development Trust.

Mo godimo ga moo, o ntshitse ngongorego ya gore ga go na diofisi tsa lephata la tsa meepo mo Mahalapye gore le kgone go  rarabolola dilelo tsa morafe segautshwane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Mahalapye

Event : Phuthego

Date : 13 May 2021