Breaking News

Go ngotla palo ya baphuthegi ke go laola kanamo ya mogare

16 Mar 2021

Tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso Puso le Bodiredi, Rre Kabo Morwaeng a re Batswana ba tshwanetse ba lemoge gore go fokodiwa ga dipalo kwa kerekeng ga se kotlhao mo badumeding.

Fa a araba potso kwa Palamenteng ka Mosupologo, Rre Morwaeng o kopile ope fela gore a amogele gore ga go kake ga tlhola go nna le tshwetso e e itumedisang batho botlhe ka nako e le nngwe, bogolo jang ka gore tse dingwe di ama kgololesego ya batho e ba e filweng ke molao-motheo wa lefatshe leno.

“Ka moo, re lopa gore a rotlhe re amogele gore se setona ke go somarela botsogo le matshelo a batho.” 

Rre Morwaeng o ne a tlhalosa gore puso e tsaya tumelo ka tlhoafalo.

A re puso e rerisana le baeteledipele ba badumedi gangwe le gape, bogolo jang ka nako eno ya COVID-19.

Fa a tswelela ka tshwetso ya go fokoletsa palo ya masome a matlhano, Rre Morwaeng o ne a tlhalosa gore e tserwe go lebilwe go gola ga dipalo tsa bolwetse mo Botswana ka bophara ka Ferikgong.

O ne a tlhalosa fa go ne go lebilwe gore kokoano ya batho ka kakaretso e oketsa kgonagalo ya kanamo.

A re seemo seo se tshwenya bogolo thata fa go kokoane batho ba ba itsaneng, jaaka diphuthego tsa kereke.

Mo ntlheng e nngwe, Rre Morwaeng o ne a tlhalosa fa dipagamo tsa setshaba di dirisiwa thata ke batho ba ba sa itsanyeng, mme ka moo a re go ba tlhotlheletse go obamela melawana ya go tila kanamo, ka moo palo tsa bapalami di ne tsa okediwa.

Rre Morwaeng o ne a tlhalosa fa go ngotla dipalo tsa kereke e ne e se tshwetso e e bonolo ka gore matshelo a batho a a amega, mme le fa go ntse jalo a re Batswana ba tshwanetse go amogela gore go boloka matshelo go tla pele.

Rre Morwaeng o ne a re puso e itemogela gore kereke le tumelo ka kakaretso ke konokono mo go ageng maitsholo a batho le mo ntweng kgatlhanong le COVID-19 tota, a tlatsa ka go re kereke gape e aga motho, mme a re go fokodiwa ga dipalo go ngotlile seabe sa kereke mo dintlheng tseo.

O bile a tlhalosa fa kereke ka bo yone e amegile ka gore ditiro dingwe tsa yone di tlhoka dipalo tse di rileng gore di kgonagale, mme ka moo a re dingwe tsa ditiro ga di kgonagale, ka mabaka a palo potlana.

O ne a re le fa go nna le madiadia, puso e tlaa tswelela e rerisana le makgotla a badumedi.

“Re lemoga e bile re amogela botlhokwa jwa therisanyo le go bopa mogopolo mo dikganneng tse di tlhokang morero,” ga latlhela Rre Morwaeng.

Mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Borwa, Rre Motsamai Motsamai o ne a batlile go itse gore go ne go lebeletswe eng fa puso e tlaa tsaya tshwetso ya go fokotsa dipalo kwa dikerekeng, mme dibese tsa setshaba tsone di okelediwa pabagami mo mesepeleng e metelele.

Rre Motsamai a re kereke ke ya batho ba bantsi, ka jalo dioura tse pedi di dinnye, gape o ne a kopa go itse gore puso e dira go le kae go resisa badumedi ka phokotso ya bakereki le dinako kwa kerekeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Palamente

Date : 16 Mar 2021