Bagwebi ba lela ka dikgwetlho
11 Mar 2021
Fa mogare wa corona o utlwalelwa kwa China ka 2019, bangwe ba ne ba sa akanya fa o ka goroga mo Botswana.
Mme ka lefatshe le lomagane le go tsamaya go tlhofofetse, go ne ga tlola dikgwedi mogare wa bo o gorogile kwano.
E ne yare go goroga mono, bontsi jwa tsenwa ke letshogo ka dipego di ne di supa fa o bolaile batho la le bantsi kwa mafatsheng a mangwe.
Kwa metseng e mennye jaaka Mokoswana kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, banni bangwe ba supile fa ba ne ba sa akanya fa o ka goroga kwa metseng ya bone.
“Re ne re tsere fela gore mogare o ga o kake wa diega mo lefatsheng la rona, dilo di tlaa boela mannong ka ponyo ya leitlho,” ga tshwaela mogwebi mongwe kwa Mokoswana, Mme Sarah Rudolf yo o neng a thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma go simolola kgwebo ya go apaya.
Mme Rudolf o ne a isiwa sekoleng sa kapei kwa a fetileng a ithuta bophepha, go dira dibuka tsa kgwebo le go tsamaisa kgwebo.
Morago ga go fetsa dithuto tse, puso e ne ya mo rekela tse a tlaa di tlhokang go simolola kgwebo.
Ka a rata go apaya ka tlhago, dithuto tse di ne tsa mo nonotsha le go feta mo le ene a neng a bona gore khumo e motlhofo fa motho a tlhwaafetse.
“E ne e re fa go tshwerwe tiro nngwe kwa Mahalapye, ke bo ke nna mongwe wa ba ba apeelang batho ba ba tseneletseng tiro ya go nna jalo. Se, se ne sa nnonotsha le go feta ka go ne ga tokafatsa letseno lame,” Mme Rudolf a tlhalosa.
Ka go tlhoka lesego e ne yare mogare wa corona go goroga, dikgwebo bontsi tsa phutlhama, Mme Rudolf ya nna mongwe wa ba dikgwebo tsa bone di neng tsa amiwa ke segajaja se.
Bontsi jwa batho kwa Mokoswana ga ba ba dire madi a ka one ba ka rekang dijo tse di rekisiwang ke Mme Rudolf le mmata wa gagwe Mme Keneilwe Gaboeme.
Mme ebile ka go rotloediwa gore go seka ga apewa mo medirong, batho bontsi ba setse ba tshaba go reka dijo mo mekgwatheng le mo marekisetsong a dijo.
Le ke lengwe la mabaka a a neng a isa kgwebo ya ga Mme Rudolf kwa tlase, mo jaanong a neng a kgona go boela lwapeng go sena thebe ope o a mo dirileng le dijo tse a di apeileng a tshwanelwa ke go tla a di fa bana kwa lwapeng kana a tsholola tse dingwe di senyegile.
Go phutlhama ga kgwebo ya gagwe go tsisitse bohutsana mo go ene ka ntlo ea neng a setse a simolotse go e aga e eme.
“Keletso e ne e le go ipona ke feditse ntlo e gore re kgone re robale ka phuthologo le ba lelwapa lame,” Mme Rudolf a tlhalosa ka sefatlhego se gamuketse botlhoko.
Mme ka Modimo a sanke o latlha, Mme Rudolf o ne a bone gore segolo a name a boetse kwa Ipelegeng ka go sena ditiro mo motseng go fitlhelela seemo se nna botoka.
“Nne ke sa solofela gore nako tse ke tlaabo ke bereka Ipelegeng mme dilwana tsame ke di beile sentle gore fa seemo se tokafala, le nna ke bo ke simolola,” Mme Rudolf a supa.
Mme Gagorone Lobisa wa dingwaga tse di masome mane le bongwe le ene o tshwere phage ka mangana go itebaganya le seemo sa COVID-19 se se phutlhamisitseng kgwebo ya gagwe ya go roka.
Fela jaaka Mme Rudolf, Mme Lobisa o iphitlhetse a le fa gare ga dinaka tsa kgokong a mekamekane le seemo se se digileng dikgwebo.
Mme Lobisa le ene o ne a thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma mme a rekelwa didirisiwa tsa go roka.
Kgwebo ya gagwe e ne e ikaegile ka manyalo le mekete e mengwe mme go nnile bokete gore o ka ipona a rokela ope jeremane ya lenyalo ka manyalo le mekete di santse di emisitswe.
Kgwetlho ya go tlhoka motlakase mo motseng le yone ya dira seemo bokete ka didirisiwa tsa gagwe di tlhoka motlakase go bereka mme a fetlha motlakase ka generator.
Mo bogompienong, kgwebo ya ga Mme Lobisa e kgaratlha fela ka batho ba ba batlang go rokelwa sengwe se sennyennyane.
“Ke solofela fa kgwebo e, e tlaa dira dipoelo fa seemo se sena go tokafala.
Ke santse ke roka le fa ke dira nako nngwe fa go na le yo o tlhokang go rokelwa mme ke eletsa fa puso e ka nkema nokeng ka go mpha tiro ya go rokela bana ba masiela paka ya sekole, go na le go rokelwa ke baroki ba kwa Mahalapye,” Mme Lobisa a itela.ends
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : MOKOSWANA
Event : Posolotso
Date : 11 Mar 2021







