Khudumelapye o kopa go okelediwa badiri ba Ipelegeng
04 Feb 2021
Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa Khudumelapye a re go oketsa badiri ba Ipelegeng go ka thusa thata ka motse oo o lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditiro.
Rre Oabetswe Lerongwa o tlhalositse fa ka nako ya go hirwa, batho ba ketemela koo go iteka lesego.
A re ka kgwedi go hirwa batho ba le masome matlhano le boraro fela mme go tseye lebaka le le leele gore ba theogele gape.
Dingwe tsa ditiro tse ba di dirang di akaretsa go tlhagola madirelo a puso, go rema ditsela le go fokotsa ditlhare fa gare ga motse, fa kwa masimong ba epa matamo le go rema ditsela.
Rre Lerongwa o kaile fa komiti e na le matlo a le lesome le bobedi, a bontsi jwa one a seng mo seemong se se itumedisang ka batho ba nna mo go one mme ba sa duele sentle.
A re komiti e eletsa go rekisa dijo tsa leruo ebile e mo thulaganyong ya go fetolela setsha sengwe sa bonno go se dira sa kgwebo.
Rre Lerongwa a re go na le bangwe ba ba nnang kwa masimo ka ba sena ditsha kwa gae, a supa fa bontsi jwa batho bao ba sa tsena dikole mme tiro ya bone e le go disa.
O kopile gore batho ba go nna jalo, ba thusiwe go akola mananeo le go ba fa bogakolodi gore ba tshele botshelo jo bo nang le bokamoso.
Mothusa modulasetilo wa komiti, Mme Gadibonwe Rantoi, o ngongoregetse gore lenaneo la nyeletso lehuma mo gongwe le kgobokanya batho ka ditlhopha gore ba thusiwe, mme fa gongwe ba tlhakanngwa ba sa itsane
O supile fa bangwe ba eletsa go ikemela ka nosi gore ba kgone go bereka ba phuthogile, kana ba bewe ka go itsane gore ba tle ba kgone go dira sentle.
Mme Rantoi o kopile gore go bulwe ofisi ya Gender Affairs kwa motseng oo ka e thusa batho ba dingwaga tse di fetileng bonana.
O kopile ba ofisi ya tsa pereko e ikgolaganya le komiti fa ba leka go leletsa motho ba sa mo tshware, go itsa go mo tlodisa sebaka sa go hirwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Khudumelapye
Event : Potsolotso
Date : 04 Feb 2021








