Archbishop Mautle o kgothatsa baruti
11 Mar 2020
Moeteledipele wa kereke ya Evangelical Religious Protestant Unity Church Archbishop Tshenolo Mautle o kgothaditse baruti ba kereke eo go nna sekao mo phuthegong ka go nna le boitshwaro le botho jo bo eletsegang ka nako tsotlhe.
Archbishop Mautle o buile se mo bokopanong jwa kereke bosheng mo leotong lwa gagwe la go lekola diphuthego tsa kereke le go ba kgothatsa go ipaakanyetsa letsatsi la papolo ya morena e mo ngwageng ono le tlaa ketekelwang kwa Tsabong.
Archbishop Mautle o ne a kgothatsa baruti go tsaya tiro ya bone ka tlhwaafalo ebile ba e dira ka manontlhotlho ka e le pitso le thomo ee tswang kwa modimong.
A re ga ba a tshwanela go nna boikgogomoso le go timetsa letsomane la modimo ka e le bone badisa ba lone mme ba tshwanetse go ba bolelela boammaaruri jwa mafoko a a molemo a baebele.
O ne a kgothatsa baruti go tlhomamisa gore a tiro ya modimo e dirwa ka fa go tshwanentseng go setswe molao motheo le ditsamaiso tsa kereke morago, le gone go itsiwe ka ditiro tse dintle ka seo se ka thusa go tsholeletsa serodumo sa kereke.
O ba kopile go ikgaphe mo go inaakanyeng le mekgwa ee maswe le gone go dira ditiro tse di duleng mo tseleng mme ba obamele le go sale morago ditsamaiso tsa puso ka e le yone e laolang ka fa dikereke di tshwanentseng go tsamaisiwa ka teng.
Fa a segofatsa le go baya diatla baruti ba ba neng ba tsholediwa maemo le dikomiti tse farologanyeng, o ne a ba gakolola fa go etelela diphuthego go tlhokana le motho yo boineelo, boikanyego boingotlo le matlhagatlhaga ka nako tsotlhe ebile a na le lorato lwa go dira tiro ya modimo a sa patelediwe ke ope ebile a ikemiseditse go tsaya boikarabelo mo dikgwetlhong tsotlhe tse a kopanang le tsone.
Archbishop Mautle a re ka kereke e lebanwe ke letlhoko la madi, baruti le ba dikomiti ba tshwanelwa ke go ithaopa le go itlama go tsweledisa tiro ya modimo gongwe le gongwe kwa e ba tlhokang teng.
A re baruti bangwe ba goga dinao mo tirong ya bone ka go tlhoka go goga diphuthego sentle, a supa fa ka dinako dingwe le gone go tsenya kereke ka letsatsi la tshipi go sa dirwe ka mabaka aa farologanyeng ba lebile go dira ditiro tsa bone.
O boletse fa modimo o segofatsa ba ba o direlang ka dipelo tsa bone tsotlhe le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho.
Archbishop Mautle o ne a gakolola diphuthego tsa kereke go emisa go baya madi mo matlung a bone mme ba a ise kwa dibankeng le diposo ka go babalesegile, le gone go sala morago ditsamaiso tsa lekgotla le le laolang dikereke.
Fa a tswa la gagwe mokwaledi mogolo wa komiti kgolo ya kereke Mme Bonolo Leboifo o ne a kgothatsa bakwaledi le batshwara madi ba kereke go tlisa dipego tsa dikereke go dupiwa ke badupi ba dibuka jaaka go tshwanetse go dirwa ngwaga le ngwaga pele ga kgwedi ya Mopitlo e ya fifing.
O tlhalositse fa moruti le phuthego ba tshwanetse go sekaseka dipego tsa bone pele di fetela kwa komiti ya kgaolo go sekasekwa, mme e re morago di fetele kwa komiti kgolo ya kereke ba e leng bone ba di romelang kwa lephateng le le okamemetseng dikereke.
Mme Leboifo re fa e sa le ba simolola go sekasekelwa dibuka ka ngwaga wa 2007, mo nakong ya gompieno dipego di tokafetse ntle le dikgaolo tse di saletseng kwa morago go isa madi kwa dibankeng.
O tlhalositse fa dipaakanyo tsa moletlo wa papolo ya morena di tsweletse.
O ne a supa fa ba le malala a laotswe ka ba setse ba itsisetse diphuthego tsa kereke eo, go laletsa baeng ba tlotla le gone go baakanya tsotlhe tse di tlhokafalang.
Mo mafokong a gagwe a tebogo mookamedi wa kgaolo ya Tsabong moruti Watondwa Kapeko o ne a leboga moeteledipele wa kereke go bo a bone go le botlhokwa go lekola diphuthego go utlwa matshwenyego a bone selo se a reng se ba tiisa moko go tshwara ka thata mo tirong ya bone.
O ne a kopa diphuthego mo kgaolong go ema ka dinao mo dipaakanyetsong tsa malatsi a boikhutso a papolo ya morena ka seo se ka thusa mo katlegong ya moletlo wa paseka mo kgaolong ya bone. Bokutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Bokopanong jwa kereke
Date : 11 Mar 2020








