Banni ba Medie ba a kokonelwa
29 Aug 2019
Kitsiso ya gore go bonwe magala mo motsaneng wa Medie mo kgaolo-potlana ya Lentsweletau e ne ya tsisa maikutlo a a farologanyeng mo morafeng.
Bangwe ba ne ba nesetsa mafoko ao pula fa bangwe go ne go le thata go dumela.
Diphuthego tsa kgotla mo dingwageng di se e kae tse di fa morago tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane Rre Vincent Seretse, di ne di tshologelwa ke morafe kaka banni ba ne ba nyoretswe go utlwa ka moepo wa magala o o bonweng mo kgaolong eo.
Se ya bo e le sekao sa lenyora la tlhoko ditiro mo morafeng, seru se se apesitseng lefatshe le kobo ka letshoba.
Difatlhego tse di tlhontseng le mabogo a a itshopereng ke dingwe dikai tsa boitshwaro tse di neng di bonala thata mo bontsing jwa batsena diphuthego tsa mofuta o mo lebakeng le le fetileng. Tshakgalo le yone e ne e atle e ye magoletsa ka gore batho ba ne ba setse ba shwegashwega dipelo go itshwarela ka mabogo. Go reetsa ka tlhoafalo le gone go le kalo mo diphuthegong tse mme kgang kgolo e le go batla go ikutlwela ka tsoo-pedi gore a moepo o tlaa nna teng botshelo bo fetoge.
Tshimologong dikgang tsa moepo ya nna ekete ke toro e bile e se selo se se ka se nneng teng mo bogaufing ka go ne go utlwala go se bonolo gore beng ba kompone ya magala ba bone teseletso ya go epa magala ao.
Mme e ne ya re ka lesego, ngogola puso ya rebola kompone ya Minergy Limited go epa le go gweba ka magala. Dipatlisitso di supile fa magala ao a bonwe ka bokete jwa didikadike tsa ditone mo Medie e bile e le magala a boleng jo bo kwa godimo.
Se ya nna boitumelo jo bogolo mo banning ba metse e e dikologileng Medie. Ba nesetsa mafoko a pula. Boitumelo jo bo ne bo le matshwanedi ka bo ne bo raya dilo tse dintsi; ditiro, ditlhabololo le diphatlha tsa go bula dikgwebo mo kgaolong ka bophara.
Fela jaaka moepo mongwe le mongwe fa o nna teng, botshelo bo tshwanetse jwa tokafalela.
Mo lobakeng lo lo khutshwane morago ga gore Minergy e fiwe tetla ya go simolodisa go epa magala, ditlhabololo tsa simolola go bonala. Sa ntlha tsela ya Lentsweletau-Medie ya gopiwa, ya atlhamololwa ya bo ya tshelwa mmopanyana o o faphegileng gore dikoloi di relele fela.
Tsela e, gangwe le gape e ne e tshelwa metsi go tima lerole.
Mo dikgweding tse di fetileng, khamphani ya gokela motlakase mo Medie, banni le bone ba imatswa ba ikutlwisa go tobetsa lobotana ka monwana ntlo e bo e re phatshi!
Matlo ka mefuta a simolola go runya mo Medie le Lentsweletau gore le bone ba tle ba obe lebogo. Bommaseapei le ba dimausu le bone ba seka ba ipona tsapa.
Go tuulala mole ga Medie ga fela. Selebego sa motse le botshelo tsa fetoga. Ya re ba re ba solofetse gore moepo o tlaa ba tsisetsa dintlenyane, ditlamorago tsa moepo le tsone tsa simolola go iponatsa ka iketlo.
Mo puisanyong ya BOPA le banni ba Medie go utlwetse gore ditlamorago tsa moepo di simolola go ba babalela. Kgosi Moatlhodi Kgabo wa Medie o tlhalositse fa morafe wa gagwe o sa itumelele lerole le le tswang ka bokete fa go thuntshiwa ditalameiti kwa moepong, le lerole le le bakwang ke dikoloi mo tseleng e tona e e tswang Medie e ya Lentsweletau. A re lerole le, e nna leru fela le le apesang motse otlhe.
O supile gape gore matlo mo motseng a a thubega ka lebaka la go thujwa ga lefatshe kwa moepong. Go ya ka ene, tharabololo e e ka nnang teng ke fela fa motse o ka fudusiwa. Are batho gape ga ba kgotsofalele dipalo tsa beng ba motse ba ba thapilweng ke moepo mme go ya ka ene, dipalo tse di a kgotsofatsa ka gore bontsi jwa beng gae ga ba na dikitso tsotlhe tse di batlwang ke moepo.
Ka go lemoga fa go tlhokafala kgolagano magareng ga moepo le banni ba motse, go ne ga tlhomiwa komiti e e tlaa golaganyang motse le moepo. Modulasetilo Rre Lucky Serale a re komiti e tlhophilwe ka Phukwi.
Rre Serale a re komiti eo ga e itumelele tirisanyo mmogo le bogogi jwa moepo e bile ga go motlhofo gore komiti le baeteledipele jwa moepo ba kopane.
A re ga ba itumelele gotlhelele go tlhoka go rerisiwa ka dilo dingwe tse di amang morafe. O ntshitse sekai sa gore mo nakong ya gompieno go sigilwe ditsela mo masimong a batho ntleng le morero.
Kgang e nngwe e modulasetilo a re ba tshwentswe ke gore botsogo jwa batho bo mo diphatseng ka ntlha ya lerole.
Go thubega ga matlo le gone ga go ba jese diwelang ntswa boeteledipele jwa moepo bo kaile fa bo tlaa kopana le beng ba matlo ka bongwe ka bongwe.
Rre Serale a re ntswa ba itumelela ditlhabololo tse di lerilweng ke moepo, dilo dingwe tse ba neng ba di solofeditse ga ba ise ba di diragatse. A re ba ne ba solofeditse gore ba tlaa dira tsela e e tswang moepong e feta ka Dikgonnye, ka gore ba supile fa tsela eo, e le yone e tshwanetseng go dirisiwa ke diteraka tsa magala ka e bile ba ne ba setse ba kile ba kaya gore magala ga a a tshwanela go ralala motse ka go le borai mo botsogong.
Mogolwane wa moepo Mme Bonkie Baeletse a re boeteledipele bo amogela gore lerole le le ntsi. Le fa go ntse jalo mo nakong ya gompieno ba santse ba batla ditsela tsa sennelaruri tse di ka dirisiwang go fedisa lerole.
Go thubega ga matlo le gone a re kompone e tsweletse ka go sekaseka matlo a a thubegileng go tlhatlhobiwa gore a senyegile go le kae gore kwa bofelong ba ba amegileng ba tle ba duelwe.
Fa a akgela mo go tlhokeng go nna le morero le komiti e e tlhophilweng, Mme Baeletse o latotse fa seo e le boammaruri ka gore ba dirile go lekane go leka go bua le morafe ka tsotlhe tse di ba amang le tse di amang moepo.
Le fa go ntse jalo, o tlhalositse gore tsela e e yang dikgonnye e tswa kwa moepong e tlaa dirwa ngwaga ono o ise o fele. Dingwe tse di diileng tsela ke dikgoreletsi kwa lekgotleng ka kabo ditsha ka go na le bangwe ba ba iseng ba sutele ditlhabololo tseo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Medie
Event : Potsolotso
Date : 29 Aug 2019





