Breaking News

Mapodisi a tshwenngwa ke dipetelelo

29 Aug 2019

Mookamela mapodisi a Masunga, Superintendent Gaolatlhe Ngayaya o supile fa a tshwentswe ke ditiragalo tsa dipetelelo mo metseng e e welang ka fa tlase ga tlhokomelo ya gagwe.

Mo potsolotsong ka Laboraro, Supt Ngayaya o tlhalositse fa esale ngwaga ono o simologa go fitlha jaana ba amogetse dipego tsa ditiragalo tsa dipetelelo di le lesome le bone mo metseng e e welang ka fa tlase ga Masunga. A re ke palo tona, e e tshwentseng mapodisi le setshaba ka kakaretso ka e bile e ama le one maikutlo a batho.

Supt Ngayaya o tlhalositse fa bontsi bo tsenelelwa mo matlong, bogolo jang bosigo, ka moo a gakolola batho bogolo jang bomme go ikela tlhoko le go tiisa itshireletso mo malwapeng go fokotsa kgonagalo ya go tsenelelwa ke manweenwee.

Go sale foo, mookamela mapodisi a Masunga o ne a gakolola batho go nna ba tlhodumela kwa ntle bosigo fa ba belaela go na le sengwe se se diragalang mo malwapeng a bone kgotsa a baagisanyi, go bona se se ka tswang se diragala mme ba kgone go tsibosa mapodisi ka nako.

Mme Ngayaya o buile jalo morago ga ditiragalo tse pedi tsa dipetelelo, tse di neng tsa diragala kwa Masunga le Mambo ka Tshipi.

Mo nngweng ya ditiragalo tseo, o tlhalositse fa mme mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le boferabongwe a ne a tsenelelwa ke borre ba le babedi mo ntlong kwa Masunga magareng ga nako ya bone le botlhano mo mosong.

  Supt Ngayaya a re borre bao, ba mme yoo a tlhalositseng ba ne ba dirisa teme ya Sekgowa le Sekalaka, ba ne ba mo amoga sebalamakgolo le megala ya letheka e le mebedi mme mongwe wa borre bao a bo a mmetelela.

A re mme yoo o ne a bona dikgobalo tse dipotlana jaaka a ne a leka go iphemela mo manweenweng ao, ka jalo o santse a robaditswe kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Franscistown go alafelwa dikgobalo tseo le go sedilwa maikutlo.

Supt Ngayaya o boletse fa ba ise ba tshware ope mabapi le tiragalo eo, a supa fa ba ne ba latedisa metlhala ya dirukutlhi tseo mme maiteko a bone a itaya sefololetse.

Go ntse go le foo, Supt Ngayaya o tlhalositse fa moithuti mongwe wa dingwaga tse di lesome le borataro wa sekole se segolwane sa Pelaelo le ene a ne a betelelwa ke rre mongwe wa dingwaga tse di magareng ga masome a matlhano le masome a matlhano le boferabongwe kwa Mambo.

Go tlhalosiwa fa moithuti yoo, a ne a tsamaisa pampri e e kopang dithebenyang gone kwa Mambo mme loeto lwa gagwe lwa mo gorosa kwa lwapeng lwa selalome  seo.

Supt Ngayaya a re rre yoo o ne a tshegediwa ke mapodisi go ba thusa mo ditlhotlhomisong mme o golotswe kgwedi eno e le masome mabedi le bosupa.

E ntse e le tsa kgaolo ya Masunga, mapodisi a tshwentswe ke ditiragalo tse go lebegang di ya magoletsa tsa bogodu jwa  megala ya motlakase.

Supt Ngayaya a re mo kgweding eno ba ne ba amogela dipego tsa bogodu joo jwa megala ya motlakase kwa Masunga le Mulambakwena. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Potsoloso

Date : 29 Aug 2019