Kgosi o lebogela ditlhabololo mo motseng
18 Aug 2019
Kgosi Polson Keithaganetse wa Mmea kwa Boteti Botlhaba o lebogetse ditlhabololo kwa motseng wa gagwe.
Kgosi Keithaganetse o lebogile jaana kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Sethomo Lelatisitswe bosheng.
A re selelo sa bone sa motlakase go lebega se tlaa kgaotsa ka Botswana Power Cooperation e setse e dirile motlhala.
A re ba mo leubeng ka ntlha ya ditlou tse di ba fudusitseng kwa masimo, a tlhalosa fa banni ba dira maiteko a go lema gore ba itirele dijo mme ba tswe ba iphotlhere ka ntata ya tshenyo ya ditlou.
Se se bothoko a re ke gore badiri ba lephata la diphologolo ga ba tsibogele mokgosi wa bone fa ba senyeditswe ke diphologolo, go twe ga go na dikoloi.
Kgosi Keithaganetse a re ba sale ba begetse ba lephata la diphologolo ka tshenyo ya masimo, nako kgolo ke eno.
O ne gape a re o tshwengwa ke kgang ya go sielwa metsi ka koloi, a botsa gore ke eng go sa baakanngwe diphaephe tsa metsi.
Fa a tlatsa kgosi, modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Mothabi Maduma o ne a supa fa ditlhabololo di tsweletse e bile di fetotse selebego sa motse.
Modulasitilo a re Ipelegeng ke yone tiro fela mo motseng mme dipalo tse ba di filweng ga di a lekana.
E rile a ba lekodisa ka palamente, Rre Lelatitswe a re Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi a re o batla go bona khumo ya lefatshe leno e boela mo diatleng tsa Batswana, a dira jalo ka go tlhofofatsa dikgang tsa go bula dikgwebo.
Rre Lelatisitswe a re Tautona o ne a roma maphata a a amegang kwa setshabeng, go sekaseka tse e leng dikgoreletsi.
Mopalamente a re mengwe melao e tlhofofaditse tse di neng di dira dilo thata mme a ba rotloetsa go e dirisa go tlhabolola matshelo a bone.
Mokhanselara wa Mokubilo/Mmea, Rre Phankgi Resetse a re batho ga ba sa tlhole ba kgona go bapala di-tsa naga ka ntata ya ditlou tse di ba tshidisetsang mo letshogong.
O kopile gore lephata la diphologolo le tsiboge ka dipula di tloga di phaila ba sa bona tshenyo, bosupi bo be bo nyelela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MMEA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Aug 2019








