Puso e tlhabolola Khawa go godisa Bojanala
12 May 2019
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re go tlaa tlhongwa dipone tsa marang a letsatsi, go dirwe tsela go be go agwe matlwana a boapeelo kwa Khawa go tlhabolola motse oo go rotloetsa bojanala.
Tautona Masisi o buile jalo fa a konotelela motseletsele wa metshameko le mmino wa Khawa Dune Challenge and Cultural Festival o o simologileng ka Labotlhano mme wa fela ka Matlhatso. O buile fa Khawa Dune Challenge and Cultural Festival e tsweletse ka go ngoka bajanala khutlong tse nne tsa lefatshe le go tswa kwa ntle tota.
A re Khawa Dune Challenge and Cultural Festival ke maitlamo a puso ka Botswana Tourism Organisation (BTO) go atolosa bojanala.
O tlhalositse fa bojanala jwa dikgaisanyo tsa metshameko le jwa ngwao bo gola go fetisa mehuta e mengwe ya bojanala, ka jalo puso e tlaa ema morafe nokeng gore ditiragalo tseo di gole.
Tautona a re Puso e tlaa tlhabolola Khawa Dune Challenge and Cultural Festival gore e nne le dipoelo mo bathong ba le bantsi ka go tsenya dikgaisanyo le ditlamelo tse dingwe tse di kgatlhisang gore bojanala mo Khawa bo tote.
A re Puso e tlaa bo e rotloetse beng-gae go tsenya letsogo mo mererong ya bojanala.
Tautona re o tla a rotloetsa gore go agwe madirelo a boapeelo a a lebegang gore bajanala e re ba tsile Khawa le morago ga moletlo ba nne le kwa ba rekang teng.
Tautona Masisi a re go tlaa dirwa mafelo a marekisetso a dintlenyane tsa ngwao kwa bajanala ba tlaa rekang dilo tse di dirilweng mo gae teng.
O solofeditse gore BTO e tlaa feleletsa lefelo la bokampelo la motse pele ga ngwaga o o tlang o fela, a bo a bolela fa BTO e ikaelela go rutuntsha baagi ba Khawa ka methale e mengwe ya go amogela baeng gore ba tle ba nne le dipoelo.
Dr Masisi a re banana ba Khawa ba ba rutilweng go palama dikuta ba tswelele ba rotloediwa gore e re ka moso ba phaphasetse folaga ya lefatshe leno. “Re eletsa gore ba gole ba seka ba tlhoma mo Khawa fela, ba simolole go pega folaga ya Botswana le ya Khawa kwa godimo.”
A re go tlaa dirwa ditsela tse di tsenang mo metseng mengwe mo Kgalagadi go balelwa le Khawa go bo go lengwa ditlhare tsa maungo tse di golang sentle mo sekakeng di tlhokomelwa ke dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse.
Tautona o itumeletse gore go na le banni ba ba kgatlhegelang go rua dihutshane mo Khawa e bile puso e ba epetse didiba di le pedi kwa Lobu.
O tlhalosa gore e tlaa re ka Phukwi didiba tseo di gokelwe gore di simolole go nosa, a supa fa polasi ya Lobu e le nnye mme go tlaa buisanngwa le lekgotla la kabo-ditsha gore e atolosiwe e tle e solegele setshaba molemo.
Tautona Masisi o lebogetse tautona wa pele Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go bo a dirile tiro e ntle ya go simolodisa Khawa Dune Challenge and Cultural Festival ka 2013 a bo a e etelela pele ka botswapelo gore e nne se e leng sone gompieno.
O lebogile le ba ba dirileng gore Khawa e bo e le se e leng sone gompieno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : KHAWA
Event : Khawa Dune Challenge and Cultural Festival
Date : 12 May 2019








