Nyalo e molemo - Moruti Kadimbwe
13 Mar 2017
Moruti Johane Kadimbwe wa Kereke ya Village kwa Xakao o supile fa nyalo e le tshegofatso e e tswang kwa Modimong, ka jalo go maleba gore monna mongwe le mongwe a nyale.
Fa a bua le BOPA mo potsolosong, Moruti Kadimbwe o supile fa lenaneo la Re a Nyalana le thusa bontsi jwa batho ba ba tsholang bana ba nna mmogo lebaka le le leele ba sa nyalana gore ba nyalane.
Moruti o supa fa bontsi jwa baratani ba felela ba lwela dithoto tse ba di rekang mmogo, ka jalo go tsise dipolaano magareng ga bone le gone go baka kgaogano e gantsi e dirang gore bana ba felele ba sa tlhokomelesege sentle.
A re le fa Re A Nyalana e le teng, batho ba tshwanetse go ineela mo Modimong gore a kgone go ba ruta, go ba kaela le go ba segofatsa mo loratong lwa bone gore ba itse go tshegetsa manyalo.
“Ka lenyalo e le mpho e e tswang kwa Modimong, re tshwanetse go letlelela Modimo go nna mothei wa manyalo a rona gore a kgone go emelelana le dikgwetlho tse re kopanang le tsone,” ga bua Moruti Kadimbwe.
Mothusa motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Bringle Dithapo, o supile fa Re A Nyalana e ka thusa mo dikgannyeng tsa marato a banana ba ba nnang mmogo lebaka le le leele mme morago ba kgaogane, selo se a kaileng se baka dikgogakgogano ka dithoto le madi a ba a dirileng mmogo.
A re nyalo ke mpho e Modimo a e fileng batho go ba kopanya le go dira dilo mmogo sentle go sena dikgogakgogano.
A re bontsi jwa dikgang tse di gorogang kwa go bone ke tse baratani ba nnang lebaka la dingwaga tse thataro le go feta, e bile a tlhalosa fa bontsi jwa bone ba lwela dithoto tse di tshwanang le ditsha, dilwana, leruo le madi, a supa fa bontsi jwa dikgang tse di golela kwa pele mo lefatsheng la Botswana, ka jalo Re A Nyalana ke yone tharabololo.
Kgosi a re bontsi jwa batho ba malatsi ano ba a inyadisa ka mabaka a gore ba tshotse bana le go nna mmogo, ba sa rerise ope mme morago fa ba sa utlwane ba ise kgang kwa molaong, mme ka jalo go nne thata go rarabolola dikgang tseo.
O supa fa ka bontsi ba tshola bana mo go one marato, mme morago e re lorato lo fedile ba phuaganye le bone bana tota, mme ba sale e le morwalo wa mosadi le puso, selo se a supileng se sa age bokamoso jwa lefatshe leno.
Kgosi o ne gape a supa fa bontsi jwa dikgang tse di tlang kwa go bone di ama banana ba ba dingwaga tse di lesome le borataro go ya kwa go tse di masome mabedi le botlhano ba bontsi jwa bone bo sa berekeng e bile bo sa fetsa dithuto sentle.
“Bangwe ba basetsana ba ntshiwa mo sekoleng ka go imisiwa ke banna ba batona mo go bone ka lebaka la gore ba rekelwa dilo tse ba di batlang le go fiwa madi,” ga bua kgosi.
Kgosi Dithapo o gakolotse fa batho ba tshwanetse go nyalana fa ba bona gore ba ntse lobaka mmogo go itsa dikgang tse dintsi, a tswelela ka go supa fa nako e tsile ya gore batsadi ba tsenye letsogo mo kgodisong ya bana ba bone le mo maratong.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samokund
Location : Xakao
Event : Potsolotso
Date : 13 Mar 2017






