Ofisi ya Omang e hutsafatsa Bangwaketse
26 May 2013
Makhanselara a kgaolo potlana ya Kanye kwa kgaolong ya Borwa ba ngongoregaa ka thuso e ba reng e bokoa kwa diofising tsa Omang.
Ba ntshitse ngongora ya bone mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng kwa Kanye.
Ba bolela fa batho ba phakelela dithuso kwa diofisng tseoi tsa Omang makuku a naka tsa kgomo, mme ba fitlhele mela e meleele go sena thuso e ba e bonang morago ga lobaka.
Ba boletse fa batho ba tsaya letsatsi lotlhe ba bota-bota koo, ba thusiwa ka bonya jo bo fedisang pelo.
Mo go ba ba tswang kgakala mo mafelong a a kwa ntle ga Kanye, ke masisa pelo ka bontsi ba sena boroko kwa Kanye gape ba a ipega.
Le fa go ntse jalo makhanselara ba boletse fa bangwe ba batlhophi ba bone ba latela dithuso kwa diofising tsa Lobatse le Jwaneng morago ga boitlhobogo jo bo kalo kalo. Ba kopile gore go okediwe bodiredi le didirisiwa gore morafe o thusege ka bofefo jo bo tlhokegang.
Makhanselara a kopile bodiredi ja lephata leo go nna bo itsise batho gore go diragala eng, le gore tiego e tsalwa ke eng go na le go ba lebelela fela.
Mogolwane wa ofisi ya Omang wa Kanye, Mme Onkgopotse Lekono o boletse fa go le boammaaruri go na le madiadia mo ofising ya bone, a bolela fa e dirwa ke tsamaiso ya go dira ditlankana tsa matsalo a bana, ka gore go batliwa bosupi jo bo ntsi ebile bo romelwa kwa Gaborone pele go rurifadiwa.
Mme Lekono o boletse fa gape bonya jo bongwe bo bakwa ke maranyane a internet (net work) e e nyelelang kgapetsa kgapetsa.
O boletse fa bontsi jwa batho ba tlisa dikopo tsa go direlwa ditlankana tsa matsalo a bana ka bontsi, fa gongwe motsadi a direla bana ba ka nna lesome mme go tsee lobaka.
Mo dikgannyeng tse dingwe, ba ngongoregile ka bomaswe jwa dingwe tsa ditsela tsa bone ba bolela fa lephata la ditsela le tshwanetse go ititaya ka thupana. Ba boletse gape fa dikole tse di potlana tsa bone ka bontsi di le makgasa di batla go baakanngwa.
Makhanselara ba boletse fa gape matlwana a boitiketso a bana ba dikole a tletse ebile a tlhaela bana ba sekole. Ba boletse fa matlo a barutabana le one a tlhaela ebile a le makgasa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 26 May 2013








