Breaking News

Banni ba gakololwa go tsaa lenaneo ka maatlametlo

10 Sep 2015

Mothusa ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Molefi Pilane, o kgadile a sa kgwe mathe banni ba ba dirisang botlhaswa lenaneo la nyeletso lehuma. O buile se mo ithutuntshong e e neng e tshwerwe go gakololola le go kaela ba ba mo lenaneong le ba ba emetseng go thusiwa ka lone.

Rre Pilane o ne gape a tlhalosa gore lenaneo le ke maikaelelo a puso a go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo mme a kopa gore Batswana ba eme ka dinao ba ipelege. O ne a gakolola botlhe ba ba mo lenaneong go itshwara jaaka bagwebi le go emela dikgwebo tsa bone ka dinao gore madi a puso a seka a wela ka mothobodika.

Rre Pilane ne gape a supa fa lenaneo le, le le mosola ka bangwe ba ba mo go lone ba kgonne go tokafatsa bonno jwa bone le go oketsa dikgwebo mme ba thapile Batswana ba bangwe go fokotsa letlhoko la ditiro mme seo se supa maikaelelo le kgatelopele ya Batswana.

O ne a gakolola gore lenaneo leo ga le a direlwa go sotla ope mme le diretswe setshaba mme tsotlhe dithuso tse di ntshiwang ke maduo a makgetho a Batswana mme ba tseye lenaneo le ka tlhwaafalo. 

Rre Pilane ne a kopa gore ope yo o nang le kgwetlho ya go tsamaisa kgwebo a ikopanye le bo mmaboipelego go fokotsa go phuaganya dikgwebo.

Mogolwane wa komiti ya tsa ditlhabololo mo khanseleng ya Selebi Phikwe, Mme Jennifer Thekiso a re ba itemogetse gore Batswana ka bontsi ba tshelela mo lehumeng mme a tlhalosa gore maikaelelo a ithutuntsho e ke go lekodisana, go neelana megopolo le go neelana dikitso ka go dira kgwebo.

O ne a supa gore palo ya baikopedi yotlhe mo kgaolong e ne ya nna 262 mme ba le 247 ba ne ba thusiwa mme mo nakong ya gompieno ba le 49 ke bone fela ba dikgwebo tsa bone di itshwareletseng. A re dipatlisiso di supa gore go ne go sena boineelo mo go tsamaiseng dikgwebo.

O ne a tswelela a tlhalosa gore mo lenaneng le banana ba le 74 ba ne ba neelwa thuso jaaka didirisiwa tsa go apaya nama le digaugau  le tsa go tlhwatswa mme bontsi jwa bone e le bomme.

Mogokaganyi wa lenaneo le go tswa kwa ofising ya ga Tautona Mme Neo Sekape o ne a galaletsa le go kgothatsa ba ba itshwareletseng mo lenaneng go tswelela le go nna sekao mo maphateng a mangwe ka mokoduwe go tsosiwa o o itekang.

O ne gape a re,bohumanegi ga bo reye gore motho o ko tlase ga motho yo mongwe e a bo e le seemo sa botshelo sa nako eo mme seo se ka fokodiwa ka go dirisa lenaneo go itlhotlhora lehuma.

Fa a ntsha la gagwe e bile a neela kgakololo mme Jane Motsheja yo o thusitsweng ka lenaneo leo  a re o filwe thuso ya lenaneo ka ngwaga wa 2013 mme le go fitlha jaana kgwebo  ya gagwe ya go tlhatswa diaparo le dikobo e tsweletse sentle. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : Selebi Phikwe

Event : Ithutuntsho

Date : 10 Sep 2015