Breaking News

Makgato o kopane le bogogi jwa metse

23 Jun 2015

Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Mme Dorcas Makgato, o kopile tshwaragano le borara, bogogi le batsaya karolo go bona gore kgaolo e ka tlhabololwa jang le go e baya mo seemong se se ka solegelang batho molemo.

O buile jalo mo bokopanong le dikgosi, dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, le bodirela puso jwa maphata a a farologaneng jo bo akaretsang metse e e agileng kgaolo ya gagwe ya botlhophi, one are mo metsing ya kgaolo ya gagwe ele lesome le botlhano le dipolase tse diwelang mo kgaolong ya gagwe.

Mme Makgato one are keletso ya gagwe ke go tokafatsa thulaganyo ya bokopano le go bo nonotsha, go tlhabolola kgaolo, le gone gotla ka maano a gore eka tlhabololwa jang golebeltswe molao wa ditlhabololo tsa bolesome le bongwe le wa kgaolo .

O ne a re sengwe gape ke tirisano mmogo le kgolagano ya bone le bodiredi, go bone gore ba gorosa ditlhabololo jang kwa metseng ya bone ka nako e ditshwanetseng go goroga ka yone, le gone goitse ditsamaiso tsa gore ditlhabololo di dirwa jang, ka bone ele matlho a puso ba tshwanetse go bona gore ditlhabololo di tisiwa jang mo dikgaolong tsa bone.

Fa a itebaganya le kgolagano ya dikomiti le morafe one are a dikomiti dikopanele ditlhabololo tsa kgaolo le metse ya bone ka botlhe baitebagantse le goisa ditlamelo kwa bathong, le gone gore baka tokafatsa jang ditirelo tse ba dineela morafe.

O ile are kemedi ya bokhanselara le yone e botlhokwa, morafe o tshanetse wa itse dikgang tsa khansele le go difarologanya le tsa Mopalamente gona le goletisa mopalamente dikgang tse ba kabong bane ba dineetse mokhanselara.

O ne gape a re go botlhokwa go golagana le molaodi, goitse ka lenaneo la ditlhabololo tsa kgaolo ya bone le go dira bale seopo sengwe mo go tseyeng ditshwetso tsa ditlhabololo tsa kgaolo ya bone.

Fa a itebaganya le ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse one are go mosola thata go nna le lenaneo la tebelopele yaka fa ba eletsang go ithulaganya ka teng mo ditlhabololong tsa kgalo ya bone, a supa fa kgaolo ya tswapong e humile ditsa tlholego tse dika okang Bojanala, mme seo sa tlhabolola kgaolo, ntlha engwe one are baka itomaganya le boradikgwebo go tsenya letsogo mo ditlhabololo tsa kgaolo, tse e kareng kgaba gare tsa ba tisetsa le tsone ditiro tota.

Mme Makgato one are a batho ba kgaolo ya gagwe baseka ba emela lenaneo la puso, a ba ikemele ka dinao ba buwe le bana ba bone ba batshwereng maemong kwa ditoropong, ba ba kope go ngokela bangwebi mo kgaolong le go nonotsha morero le boeteledi pele ja kgaolo.

Morero oo one a onele ba motse wa Ngwapa le bone go mothusa le gotla ka maneno aka one baka tlhabololang kgaolo ka one bale seopo sengwe, abo a ba lekodisa ka sekole sa ithutelo ditiro tsa ditala are go rometswe bakonoki goya go dira ditshakatsheko kwa Ramogonami.

O ne gape a balekodisa ka lephata la gagwe gore ba dirile thulaganyo ya go neela dikokelo madi gore bareke dipilisi , segolojang tse ditshwenyang thata tsa madi a matona, sukiri fa lephata le santse le ithulaganye.

Mme Makgato one gape a lekodisa ka tsela tse di akantsweng tsa go tshwaraganya letswapo le tsela e tona ya A1 are di ya go bathusa go ba atlametsa ditlhabololo ka jaanong bagwebi baka itsheka- tsheka fa ba bona gole motlhofo go goroga kwa dikgaolong, mme are fa goka kgonega tsela e e thokang le go ka fefogelwa keya Mokobeng/Radisele.

O ne a balekodisa gape ka melao e e dumelwaneng ya tsamaiso ya Matimela le dipalo tse dika semolodisang dikereke tsa 150.

O ile gape a buwa ka polao ya dikgomo tsa matimela tse dimongala tse dika tsenyang matshelo a batho mo diphatseng are diya gobolawa ka tumelano ya lephata la tsa temo thuo le boralephalo, mme dinama tsa yone direkisediwe morafe, madi a bewe sebaka sa kgwedi tse tharo goletetswe mong wa kgomo gotla go a tsaya, morago ga kgwed tseo atlaa neelwe puso.

Mo dikganyeng tseo tsotlhe, ene yare ba mokgwa dikgaba kgosi ya Ngwapa Rre Jimmy Moremi, one are baka kgona ditlhabololo fela fa makalana a a tsamaisang metse ya magae aka tshwaragana, jaaka ale mane ele Bogosi, Khansele, Molaodi le lekgotla la kabo ditsha.

Mme bangwe ba dikgosi bane basupa bokowa ja tshwaragano ya bone le komiti ya bodiredi bare ga bokaka ja isa metse ya bone gope ka bogoga dinao (VET) bare seo se busetse metse ya bone kwa morago,. Bane gape bare a dikgosi tsa tetenyo di okediwe tiro e ntsi, le gone gore a ba duelwe.

Ba ne gape ba tswa ka mogopolo wa gore a VET e rolele morafa pego le go lekodisa molaodi wa kgaolo kotara ngwe le ngwe ka tse ba dikgonne mo dikgaolo tsa bone, mme basupa balaodi ka monwana gore ga ba sathole ba buisa diphiuthego jaaka bane ba dira pele.

Ba ne gape ba tswa mogopolo wa gore batlaa tshwaragana le bana ba bone ba bakwa ditorpong gotla ka maano a gore kgaolo eka tlhabolololwa jang bale mmogo.

Modulasetilo wa VDC ya Mokobeng Rre Mothusi Maribe ene one a ngongoregela dituelo tsa bone are ke bone barweleng mokgoleo wa go bone gore kgaolo e tsamaisiwa jang mo go e tlhabololeng , mme dikatso tsa bone dikwatlase fela thata, mme atswa ka mogopolo wa gore a VDC di tsengwe mo tsamsiso ele engwe le VET.

O ne a re nako e tsile ya gore baatswiwe kgwedi le kgwedi eseng fela fa ba tsene diphuthego.

O ne gape a tswa ka mogopolo wa gore a go nne le komiti kgolo ya VDC e bopilwe ka dikomiti tsa metse e e lesome le botlhano ya kgaolo go bona gore a ditlhabololo di abiwa ka teka tekano mo metsing ya bone le gore tse ba dineetsweng di dirwa jaaka dintse.

Fa a tswa la gagwe molaodi wa kgaolwana potlana ya Mahalapye Rre Mokuedi Lesole one are batlaa itshekatsheka le Makalana a mangwe goikitaya ka thupana go bona gore ba atuemeelana jang le morafe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Bokopano jwa dikgosi

Date : 23 Jun 2015