Breaking News

Mohumagadi Sechele o leboga banana

22 Jun 2015

Mohumagadi wa Bakwena, Mme Mmakgari Sechele, o lebogetse banana go lemoga le go tlhokomela sefikantswe sa ga Kgosi Bonewamang Sechele yo o tlhokafetseng ka ngwaga wa 1978.

O buile seo fa a amogela baithuti ba kereke ya Lontone ba Molepolole fa ba ile go phepafatsa le go lema dithunya kwa sefikantsweng seo.

Mma Sechele o supile fa e ne ya re ka ngwaga wa 1978 kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi ale masome a mabedi le bone, Kgosi Bonewamang Sechele a bona kotsi ya koloi mme ya mo gapela botshelo.

O ne a supa gape fa Kgosi Schele a ne a busa Letlhakeng gotswa ngwaga wa 1959 goya go wa 1970 mme a tloga a busa kwa Molepolole ka ngwaga wa 1970.

O kaile fa bagodi ba Molepolole,komiti ya ditlhabololo ya Molepolole le ya Letlhakeng ga mmogo le komiti ya banana ya Kweneng Bophirima di ne tsa bona gole botlhokwa go aga sehikantswe seo go nna segopotso sa ga Kgosi Sechele.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa lefelo leo e tshwanetse go nna boikarabelo jwa Bakwena go bona gore le phepa le a tlhokomelesega.

O kaile fa ese morwalo wa ba metse ya Letlhakeng,Serinane le Molepolole fela.Mohumagadi Mmasechele o ne a kgotlhatsa baithuti ba kereke ya Lontone go ithuta ditso tsa Bakwena le go di kgaogana le bangwe.

O ne a supa gape a lebogela mokhanselara wa Mantshwabisi go bo ane a rulaganya le ban aba Mantshwabisi go phepafatsa lefelo leo ka go ne gole tlhaga go sa lebege.

Mo mafokong a gagwe a malebo Mokhanselara wa Mantshwabisi Rre Meshack Tshenyego o kaile sefikantswe seo e se tshwanetse go tsewa ele lefelo la matlotlo la Bakwena.

O supile f aka tshwaragano le banana ba Serinane ba ikemiseditse go tlhabolola le go phepafatsa lefelo leo gangwe le gape.

O ne a supa gape fa bana ba ba tswang kwa tlase ba tshwanelwa ke go fiwa thuto ka sefikantswe seo .O ne a tlhalosa fa boikarabelo jwa go tlhokomela sefikantse seo ese marudi a ba lelwapa la Bogosi mme ele tshwanelo ya Bakwena botlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : letlhakeng

Event : Go phepafatswa ga sefikantswe sa kgosi

Date : 22 Jun 2015