Breaking News

Dipula tse di boutsana di ama thobo

24 May 2015

Monongwaga Balete ba itemogetse fa go le leuba mo gae, bontsi ga bo a kgona go lema le bao ba ba neng ba beile tema ba ya go tswa ba iphotlhere ka ntlha ya dipula tse di boutsana.

Mafoko a, a boletswe ke mothusa Kgosi ya Balete Kgosi Tsimane Mokgosi, fa a amogela morafe kwa phuthegong e e neng e biditswe ke mopalamante wa Borwa Botlhaba Rre Samuel Rantuana.

Kgosi Mokgosi o boletse fa se se ne sa tsisa ketsaetsego mo morafeng wa gagwe ka ntlha ya gore fa go sena mabele go raya gore ga gona letlhaka, le le tshwanetseng go dirisiwa jaaka diaparo kwa mophatong wa bomme wa bojale.

Le fa go ntse jalo Kgosi o boletse fa ba utlwaletse rre mongwe yo o lemileng mabele kwa kgaolong ya Borolong, yo go kaiwang fa a lemile diekere di le lekgolo le masome a marataro , mme a bolela fa ne ba ikgolaganya le ene go kopa letlhaka mme a dumetse, a bo a supa fa a ka ba fa diekere tse thataro tsa letlhaka go le ithobela, mme a ba tlhaloseditse fa mo bekeng tse pedi a tla a bo a tsenya metshine e e robang mo tshimong go roba mabele a gagwe. 

Kgosi Mokgosi o kopile Balete go akanya ka bofefo le go tsaya kgato, gore ba tle ba seka ba tlolwa ke bojale monongwaga, le gone gore ba ba tla a yang letlhakeng leo ba iponatse ka bofefo jo bo kgonagalang.

O ne a supa fa ba tla a tlhoka batho ba le masome a mabedi go ya go roba letlhaka leo, mme a kopa bomme go tswelela ba ikwadisetsa go ya bojale, gore ba berekele mo palong e ba e itseng.

Mopalamente Rre Samuel Rantuana, o ne a supa fa ba dumalanye molao wa gore ba Insurance ba sale batho morago fa ba bona ba sa duele mme ba sa le ba nna ba duela lebaka le leleele, gore e seka ya fa ba na le mathata ba bo ba sa thusiwe ka ntlha ya gore ba tlodisitse dikgwedi tse tharo ba sa duele.

O tlhalositse fa beng ba tsone ga ntsi e le batswakwa, mme ba tla a lefisiwa madi a a rileng pele ga ba di bula, go na le jaaka ba ne tla fela ba sa tshola sepe.

Le fa go ntse jalo, Balete ba ne ba seka ba akgela thata mo kgannyeng ya Bojale, se se neng sa pateletsa Kgosi Mokgosi go ba biletsa fa thoko go sala ba ngunanguna kgang e, ka jaana nako e sa ba ema sentle. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Ramotswa

Event : Phuthego

Date : 24 May 2015