Mapodisi a mo patlong ya bobedi jo bo nyeletseng
26 Mar 2015
Mapodisi a Bobonong a mo patlong ya batho ba le babedi ba ba saleng ba nyeletse ngwaga ono o simologa.
Mo potsolotsong bosheng le mogolwane wa sepodisi sa Bobonong, Rre Paul Seoko, o tlhalositse fa Rre Peter David yo o dingwaga tse di masome mararo le bosupa yo o tlholegang kwa Molalatau a sale a nyeletse ka Tlhakole.
Rre Seoko o tlhalositse fa Rre David a sale a bonwa la bofelo a le mo tseleng a tswa morakeng wa ga gabo wa Semadeane a tsamaela ntlheng ya Mathathane. A re Rre David o ne a apere hempe ya kaki e e cheke e le mabogo makhutshwane, borokgwe jo boleele bo le bomosweu le botala jwa letlhare ga mmogo le ditlhako tsa diteki tse di mmala o o lephutshe.
Rre Seoko o supile fa Rre David e le molwetse wa tlhaloganyo. E re dikgang di eme jalo Rre Seoko o tlhalositse fa gape ba le mo patlong ya mosetsana yo o dingwaga tse di lesome le botlhano yo o saleng a nyeletse ka Hirikgong.
Rre Seoko o tlhalositse fa mosetsana yoo, yo o bidiwang Nametsegang Kgotso, yo o tlholegang kwa Sebaela mo Bobonong a kile a bonwa fa pele ga marekisetso a Choppies a na le borre bangwe ba go sa itseweng maina a bone. O tlhalositse fa Nametsegang e le moithuti kwa sekoleng se segolwane sa Mosetlha kwa Bobonong.
O tlhalositse fa Nametsegang e le mosetsana yo o dithupa tsa maretlwa. Rre Seoko o kopile Setshaba go ikopanya le ba sepodise fa ba ka bona kana ba utlwa ka ga Nametsegang le Rre David kana ba leletse mapodise a Bobonong mo mogaleng wa 2619222. Gape ba ka leletsa mapodise a a gaufi mo mogaleng wa 999. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : Bobonong
Event : Potsolotso
Date : 26 Mar 2015








