Breaking News

Lekgetho le tlhabolola itsholelo

23 Mar 2015

Bagwebi ba kgaolo ya Bokone Botlhaba le ba kgaolo potlana ya Tutume ba rotloeditswe go ikwadisetsa le go duela lekgetho ka nako.

Ba rotloeditswe jalo ke modiri go tswa kwa lekalaneng la Botswana Unified Revenue Service (BURS), Mme Isabel Motlhabani, kwa pitsong ya bagwebi e e neng e rulagantswe ke ba lekalana la Local Enterprise Authority (LEA) ka Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome le borobabobedi kwa Masunga.

Mme Motlhabani o ne a gwetlha bagwebi go ikitaya ka thupana go duela lekgetho go tila go tseelwa dikgato tse di maleba. O ne a tlhalosa fa motho yo o sa ikwadisetseng go duela lekgetho mme a tshwanelwa ke gore a bo a ikwadisitse a ka lefisiwa madi a a sa feteng dikete di le lesome la dipula.

Gape o tsweletse ka go ba tlhalosetsa fa lekgetho le duelwa ngwaga le ngwaga, a re ba dikompone ba tshwanetse go itse gore ba tshwanetse go ikwadisa go duela lekgetho, go sa kgathalesege gore a kompone e dira dipoelo kgotsa ga e di dire.

Mme Motlhabani o boletse fa go duela lekgetho e le tsela nngwe e ka yone batho gammogo le dikompone di nnang le seabe mo go tlhabololeng lefatshe leno. E ne ya re ba tswa la bone, bagwebi go tswa mo mehameng ka go farologana ba ne ba supa matshwenyego tebang le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo dikgwebong tsa bone.

Mookamedi wa lekalana la LEA mo Masunga Mme Segakolodi Ntebela o ne a bolela fa maikaelelo a lekalana la bone e le go rotloetsa dikgwebo le bogwebi mo Batswaneng.
E ne ya re fa a tswelela, a tlhalosa gore e ne e rile fa ba simolola ba bo ba ne ba lebile bagwebi ba tsa temo-thuo fela mme mo bogompienong ba akaretsa dikgwebo fela tsotlhe ka go farologana.

O ne gape a kopa bagwebi gore ba nne ba dira mekwalo e e supang gore kgwebo e tsamaya jang gore go tle go nne motlhofo go bona gore a dikgwebo di dira sentle kana ga di dire sentle.

Mme Ntebela o boletse fa se se ka thusa gape gore ba makalana a mangwe a a thusang ka madi jaaka la Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) gore ba kgone go thusa bagwebi fa ba tlhoka madi a go atolosa le go godisa dikgwebo tsa bone.
Mekwalo ya go nna jalo a re e thusa baabi ba madi go lemoga gore a kgwebo e kgona go itepatepanya e bo e fenya dikgwetlho tse e di itemogelang kana e tsweletse ka go imelwa ke manokonoko a tsone.

A re kitso e e botlhokwa thata ka e kaela makalana a a thusang ka madi gore a a ka thusa kgwebo kana nnyaa.
Modiri yo mongwe wa LEA, Rre Gaolaolwe Phologolo o boeletse fa maikaelelo a bokopano jo e le go tiisa botsala fa gare ga bagwebi le LEA le go leka go tokafatsa ka fa ba isang ditirelo kwa bathong.

Rre Deboyson Mathe, yo o neng a emetse ba dikgwebo tsa mhama wa temo thuo, o boletse fa bone gantsi ba nna le bothata jwa gore maphata a puso ga a ba rotloetse ka go reka dithoto tsa bone. A re se se a tshwenya ka jaana makalana a tshwana le dikolo tse di mo kgaolong ya bone a reka dithoto go tswa kwa mafelong a mangwe jaaka Francistown le ntswa go a bo go na le fa ba ka rekang teng mo kgaolong.

O boletse fa go le gantsi makalana a na le go batla mogwebi a le mongwe go ba rekisetsa dithoto tsotlhe tse ba di tlhokang le ntswa a bo a sena tse dingwe. Se a re se ka fetoga fa bareki ba dithoto tsa bone mo kgaolong ba ka nna ba sekaseka bagwebi ba mhama o le mongwe gore ba bone gore mang o na le eng go kgona go itse gore ba ka reka eng kwa go mang.

Rre Mathe o ne a tswelela gape a re dilo dingwe tsa lekgetho ba ne ba sa di itse ka ba ne ba ise ba ke ba rutwe ka tsone go le pele, mme a re jaanong ba lebogela thuto e ba e filweng.
Rre Patrick Maphorisa wa mhama wa tsa bojanala o ne a re le bone ba tshwenngwa thata ke gore bontsi jwa batho ba santse ba ikaegile ka go dirisa mafelo a boroko a a kwa Francistown le ntswa a le teng mo kgaolong.

A re le fa gone go na le dikgwebo tse di thusang bajanala ka boroko mo kgaolong, go santse go tshwenya go bona di sa dirisiwe fa go na le ditiro tse di ngokelang palo e ntsi ya batho mo kgaolong. Rre Maphorisa o ne a bo a kopa le bao ba ba dirisang mafelo a bone go dirisa ditlamelo di akaretsa metsi le motlakase ka fa tshwanelong, ka jaana go le gantsi ba bagwebi ba mhama oo ba kokonelwa ke dituelo tse di kwa godimo tsa tiriso ya ditlamelo tseo.
BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nkwebi Monyadzwe

Location : Masunga

Event : Pitso

Date : 23 Mar 2015