Breaking News

Sekasekang letamo la Lotsane

23 Mar 2015

Modulasetilo wa khansele ya legare, Rre Peter Williams, o kopile boeteledipele jwa Maunatlala go batla ditsela tse letamo la Lotsane le ka ba sologelang molemo ka tsone.

Rre Williums a re letamo ke nngwe ya ditlhabololo tse di kgonang go sologela banni mosola ka le ka nna le ditshono di tshwana le tsa bojanala, go tshwara ditlhapi le mo temong ya nosetso.

O ne a bua jalo kwa Maunatlala bosheng kwa makhanselara a kgaolo ya legare a neng a le mo leetong la go lekola letamo la Lotsane. A re go botlhokwa gape gore baeteledipele ba motse ba leke go bona ditsela tse ba ka ngokang bajanala ka tsone.

Mo go tse dingwe Rre Williams o ne a bolela fa khansele ya legare e e nang le makhanselara a le 174 le bodiredi bo le 5000 e le yone e tona mo lefatsheng leno ka jalo puso e tshwanelwa ke go e sekegela tsebe. A re e le makhanselara ba tshwanelwa ke go lekola ditlhabololo tse ba itlamileng gore ba tla a di direla Batswana ka jalo ba tla a tswelela ba ntse ba di lekola gore ba seka ba utlwa fela ka bodiredi jo bo romilweng go dira tiro.

A re banni ba ba kgonang go bona metsi a a tswang mo letamong la Lotsane ba tshwanetse go ipona ba le sego ka ba sena dikgwetlho tse di tshwanang le tsa mafelo a mangwe a a lelang ka metsi a a letswai kana ka letlhoko la metsi.

Modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye Rre Lesedi Phuthego o ne a re letamo la Lotsane le raya go le gontsi mo khanseleng ya gagwe. A re maikaelelo ke gore letamo le le kgone go nosa metse e mentsi. O ne a bolela fa go setse go na le balemi bangwe ba temo ya nosetso ba ba setseng ba dirisa metsi a lone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyana

Location : Maunatlala

Event : Loeto

Date : 23 Mar 2015