Breaking News

DHMT e tsibogela matshwenyego a banni

23 Mar 2015

Morago ga go lemoga fa kokelo e kgolwane kwa Bobonong e le mosuke e bile thuso e e neelang setshaba e tsamaya ka bonya, lephata la District Health Management Team (DHMT) le ne la tshwara phuthego le baagi ba kgaolo go buisana gammogo le go batla maano ka fa seemo se ka tokafatswang ka teng kwa kokelong eo.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla bosheng, mogolwane mo lephateng la DHMT, Rre Jackson Kaguamba o tlhalositse fa letlhoko la bodiredi kwa kokelong e kgolwane mo Bobonong go ba baya kafa mosing ka setshaba se tsaya nako e ntsi se le mo meleng e meleele se letetse thuso.

O tlhalositse fa mela e meleele eo e dira mosuke ka go bo kokelo eo e thusa balwetsi go tswa mo metseng e mengwe mo kgaolong ya bobirwa e e akaretsang, Gobojango, Semolale, Mabolwe, Molalatau, Mathathane ,Motlhabaneng le Lentswe le Moriti. Rre Kanguamba o tlhalositse gape fa letlhoko la dikoloi kwa kokelong eo e le nngwe ya dikgwetlho tse ba nang le tsone.

O supile fa letlhoko la dikoloi le ba itsa go isa ditirelo kwa sechabeng. Rre Kaguamba o tlhalositse fa letlhoko la dingaka e le nngwe ya dikgang tse di ba itsang go dira tiro ya bone ka bonokopila kwa kokelong eo. O kopile baagi go se fele pelo ka ba tlaa dira ka bojotlhe go bona gore matshwenyego a bone a arabiwa mo nakong e e sa fediseng pelo.

Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti e e okametseng kokelo e kgolwane ya Bobonong Rre Peter Sekgwama o tlhalositse fa phuduso (transfer)ya baoki kwa kokelong eo e le yone e bakang letlhoko la bodiredi. O tlhalositse fa go setse go nnile le phuduso ya baoki ba le masome a mararo le bosupa kwa kokelong eo mme le gompieno ga go ise go nne le ope wa baoki ba basha yo o tsileng.

O tlhalositse fa boitseme mo tirong e le nngwe ya tse di kgoreletsang go ntsha maduo a a nametsang kwa kokelong eo. Rre Sekgwama a re bone e le komiti ba ikemiseditse go tlhabolola kokelo ya Bobonong le go e baya mo maemong a a kwa godimo.

O gakolotse baagi gore fa ba na le matshwenyego ba ikopanye le komiti ya kokelo e kgolwane ya Bobonong e seng go emela mopalamente go tla go mmolelela matshwenyego a bone.
Fa a latlhela la gagwe mongwe wa baagi ba kgaolo Rre Israela Leso a re dikokelo tse di potlna tse di dikologileng motse wa Bobonong di tshwanetse go tlhabololwa gore di tle di kgone go fokotsa mosuke o o kwa kokelong e kgolwane.

O kaile fa go nna mo meleng e meleele kwa kokelong e kgolwane mo Bobonong go setse go bakile dintsho tsa batho. Rre Leso o kopile baoki go tokafatsa maitsholo a bone fa ba thuso bagolo kwa kokelong eo a ba a gatelela fa go tlhoka maitsholo a a siameng ga baoki go ba paledisa go etela kokelo fa ba lwala. ENDS

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : Bobonong

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Mar 2015