Breaking News

Go botlhokwa go ruta baithuti ka molao

12 Mar 2015

Mogolwane wa sepodisi kwa Mochudi Sub Inspector Distance Thowane o boletse fa go le botlhokwa gore baithuti ba ikgaphe mo maitsholong a eseng one ka gona le dikgato tse ba ka di tseelwang.

Sub Inspector Thowane o boletse seo bosheng kwa bokopanong jwa batsadi, barutabana le baithuti kwa sekoleng se segolwane sa Bakgatle. A re baithuti ba ithuta botsotsi le boferefere mme seo se utlwisa botlhoko go lebilwe gore ba sepodisi fa ba ba tseela dikgato e nna o kare ga ba dire sentle.

O boletse fa baithuti ba dirisa tshono ya molato wa go thupiwa ga bana go itaola ba tlhalosa fa bane ba thupilwe mme fa ditlhotlhomiso di tsweletse go supafale gore moithuti o ne a ngwegile kwa lapeng a ile boitaolong, a re baithuti ga ba na sepe ka matshelo a bone ebile ba sa reetse dikgakololo tsa batsadi.

Constable Letlhogonolo Mabua o boletse fa go tshwenya ka gole gantsi fa moithuti a thuditswe batsadi bangwe fa ba sena go duelwa ka madi kana dikgomo ke ba dira melato ba tsholola dikgang tseo, a re seo se utlwisa botlhoko ka batsadi ba dira jalo ba sa akanyetse bana le maikutlo a bone.

O tlhalositse fa dikgang tsa thubetso di diragalela bana ba ngwaga tse di simololang ka botlhano go ya kwa go tse di lesome le boroba bongwe,mme bana bangwe ba thubetswa fa ba tswa kwa maitisong bosigo ba bangwe fa ba tswa thapelong ya bosigo kwa dikerekeng tsa bone.

O gakolotse batsadi go tlhokomela bana ba bone le goya go ba tsaya fa ba tswa bosigo kwa dikerekeng go netefatsa tshireletsego ya bone, a re go botlhokwa gore batsadi ba itse metsamao ya bana ba bone le go netefatsa gore ba a laela.

O ile a itsise baithuti ka melao o tswana le wa go phoraphora, wa go robala ngwana o le wa losika (Incest) le wa go robala le ngwana o o kwa tlase ka dingwaga e le teng, a re fa ngwana a begile gore o robetswe ke malomaagwe kana rraagwe batsadi ba fitlha seo ba re batla a sala ba a ja eng fa modira molato a tshwarwa.

O boletse fa baithuti ba rata madi mme go simolotse dikgang tsa gore ba bo ba dumalane go tsena mo tlhakanelong dikobong gona le dituelo mme fa di seo ba begela ba sepodisi gore ba thubeditswe mme fa kgang e latedisiwa boammaaruri bo a tswa gore mosetsana ga a duelwa.

O gakololotse batsadi go tabogela pele kwa go ba sepodise fa ngwana a tla a dirisitswe botlhaswa mme ba sa senye bosupi ka go tlhapisa ngwana, a re fa ngwana a ka thusiwa ka potlako o ka neelwa le yone pilisi e e thibelang mogare mme e bereka mo oureng tse masome a supa le bobedi.

O boletse fa dikgang tsa thubetso ka ngwaga wa 2013 di nnile 90, ka ngwaga wa 2014 di nnile 71, mme dikgang tsa go robala ngwana motho e le wa losika ka 2013 go sa kwadisiwa epe le ntswa di direga fa ngwaga wa 2014 go kwadisitswe tse pedi, a re dikgang tsa go phoraphora ka 2013 e nnile nngwe fela fa ka 2014 di nnile pedi fa tsa go robala bana ba ba kwase ka dingwaga 2013 ba kwadisitse tse 19 mme ka 2014 ba kwadisitse tse 14.

O boletse fa dipalo tseo e se tsone tsotlhe ka bangwe ba loba dikgang tseo,a re molato wa go phoraphora motho o ka atlholelwa ngwaga tse supa, fa wa thubetso e le ngwaga tse some mme go lebiwa mabaka gore a motho o na le mogare a itse kana ga a itse mme dingwaga di a oketsega.

Go tswa kwa go ba dikgolegelo Supt Kabelo Gaseitsiwe o boleletse baithuti fa ba amogela botlhe ba ba dirileng melato mme ba atlholetswe dingwaga kana botshelo botlhe kwa kgolegolong, a re ope fela oo dirang molato o tsewa menwana.

A re baithuti bangwe ba tsengwa ke ba bangwe mo mathateng mme ba ba tlogele mo go one mme seo se bake gore o eseng ene modira molato wa konokono a tshwarwe fela ka gore o amegile mo kgetsing eo mme ba isiwe kwa kgolegelong ya bana kwa Moshupa.

Fa ba akgela batsadi ba tlhalositse fa ba swabisitswe ke maitsholo a baithuti ba neng ba a dira mo bokopanong joo ba tlhalosa fa ba iponetse fa bana ba bone ba sa reetse fa barutabana ba buwa le bone ebile ba sena botho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : MOCHUDI

Event : Bokopano jwa batsadi, barutabana le baithuti

Date : 12 Mar 2015