Breaking News

Molaodi o rotloetsa popagano

01 Sep 2014

Molaodi wa kgaolo potlana ya Palapye, Mme Veronica Rabakane o kopile badirelapuso ba maphata a a farologaneng kwa Lerala go bopagana gore ba kgone go neela morafe ditirelo tsa maemo a a kwa godimo. 

Mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa bosheng kwa motseng oo, Mme Rabakane o boletse gore badirelapuso ba tshwanelwa ke go bopagana le go nna le komiti e e tlaa ba kopanyang le go itse ditlhabololo tse di dirwang mo motseng wa bone.

O boletse fa badirelapuso ba tshwanetse gape go dirisanya le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse mo maitekong a bone a go tlhabolola motse le go nna baemedi ba puso mo go iseng ditirelo mo banning ba metse ka go farologana.

Mo go tse dingwe, Mme Rabakane o tlhaloseditse banni fa ba tshwanelwa ke go baakanyetsa boipuso jwa 2016 jo lefatshe la Botswana le tlaa bong le ipelela dingwaga tse di  masome a matlhano. A re pele ga boipuso go tla a nna le dikgaisanyo tsa bo mmabontle le rabontle wa ba ba tshotsweng ka 1966 mme moono wa go ipelela boipuso joo ke Botswana Pele.

Fa a bua ka lenaneo la Tirelo Setshaba le le sa tswang go simolodisiwa, o kopile maphata otlhe a a nang le banana bao go dira le bone sentle.

O tlhalositse fa banana ba ba dirang mo lenaneong leo ba sa tlela dikgang tsa go felela ba tsena mo go tsa marato le badiri mo maphateng mme ba tletse go thusa mo ditirong tsa puso ka go farologana. 

A re modiri mongwe le mongwe o tshwanetse a kgaleme yo o ka tswang a na le mogopolo oo.

Mme Rabakane a re mo mafelong mangwe banana ba ba mo lenaneong la Tirelo Setshaba ba setse ba supile fa ba sa sologelwe molemo ke kwa ba direlang teng mme ba isiwa kwa maphateng a ba ka kgonang go direla kwa go one. 

O  ikuetse mo baeteledipeleng ba banana ba Tirelo Setshaba mo maphateng ka go farologana go reetsa dilelo tse banana bao ba ka tswang ba na le tsone gore di kgone go rarabololwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Sep 2014