PTA e itumelela thotloetso ya batsadi
17 Jul 2014
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa kgaolong ya Kgatleng, Rre Opakile Setlhabi a re o itumedisiwa ke seabe sa batsadi mo thutong ya bana ba bone ka jaana ba dirisana sentle le barutabana go tokafatsa maduo mo dikoleng.
Mo potsolotsong, Rre Setlhabi a re batsadi ba simolotse go iponatsa mo dikoleng go lekola gore bana ba dira jang mo dithutong, mme ba rotloetsa go tswelela ka mokgwa oo, a tlhalosa fa seo se ka thusa puso mo maitlamong a yone a go diragatsa letshego la tebelopele ya setshaba ya 2016, la tshaba e e rutegileng.
A re puso e ikemiseditse go tokafatsa seemo sa thuto mo lefatsheng, jalo ke boikarabelo jwa batsadi, puso le barutabana go netefatsa gore baithuti ba rutiwa go nna le boikarabelo mo botshelong, mme boikarabelo jo bogolo bo mo batsading.
O tlhalositse fa batsadi ba tshwanetse ba ema nokeng dithuto tsa bana ka go netefatsa gore bana ba bone ba na le ditsompelo tsotlhe tse ba di tlhokang mo dithutong tsa bone.
Rre Setlhabi a re ka jaana batsadi ba simolotse go iponatsa kwa dikoleng, bana bangwe ba simolotse go dira sentle fela thata mo dithutong tsa bone e bile le maduo a dikole dingwe a simolotse go tsholetsega
Rre Setlhabi a re o leboga makhanselara a kgaolo go bo ba ba eme nokeng go rotloetsa batsadi go itebaganya le dikgang tsa tiro ya bana kwa dikoleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Dinah Johane
Location : MORWA
Event : Potsolotso
Date : 17 Jul 2014







