Ikwadisetseng mmaraka wa EU Matlhaba
26 Nov 2023
Barui ba kgaolo ya Gasita/Lorolwane ba gakolotswe go ikwadisetsa mmaraka wa European Union (EU) ka o na le dipoelo tse di nametsang.
Fa a bua kwa thuto-puisanyong ka tsa mmaraka wa BMC/EU, e e neng e rulagantswe ke ba Gasita/Lorolwane Farmers Association ka Matlhatso, ngaka ya leruo, Dr Kesolofetse Matlhaba o supile fa Motswana mongwe le mongwe a ka rekisa kwa mmarakeng wa EU.
Le fa go ntse jalo, o supile fa gona le ditsetlana dingwe tse barui ba tshwanelwang ke go di diragatsa, pele ba ka letlelelwa go rekisa koo.
O tlhalositse fa dikgomo tse di rekisiwang kwa EU di tshwanetse gore thuo ya tsone e be e le e e ka latedisiwang, gore ke tse di ntseng di tlhokometsweng jang le gore a nama ya teng ke e e siametseng go ka jewa, go ya ka melawana ya EU.
O ne a supa fa go tlhokafala gape gore barui ba kwadise fa ba ruetseng teng, ba rwese mangena, ba tshwae ka tshipi ya kgaolo ya bone, a tlhalosa fa go thusa mo go latediseng thuo ya dikgomo tseo.
Dr Matlhaba o supile fa barui ba tshwanelwa ke go kwala tse tsotlhe tse di diragalang mo thuong ya bone, jaaka melemo e ba e dirisang, dijo tse ba di fang dikgomo le gore ba di bolokela fa go ntseng jang.
A re e le ba botsogo jwa leruo, ba tshwanelwa ke go tlhatlhoba kwa go ruetsweng teng le kwa dikgomo tseo di fulang teng.
O gakolotse barui go kwala dikgomo tse di lwalang mme morago ba bitse ba matlhoko a leruo go tla go sekaseka gore bothata bo ka tswa e le eng.
A re fa ba ikgotsofaditse ka tse tsotlhe, barui ba ka fiwa tletla ya go rekisa kwa mmarakeng wa EU.
Fa a ntsha la gagwe, mogolwane wa tsa thekiso ya leruo kwa BMC, Rre Motlhokomedi Gaetshetse, o itsisitse barui fa ditlhwatlhwa tsa go reka dikgomo di okeditswe, a re tsa EU di okeditswe go tswa mo go P42 go ya kwa go P45 ka kilogramme, mme tsa mmaraka o sele di okedistwe go tswa mo go P28 go ya kwa go P31.
Rre Gaetshetse o tlhalositse fa barui ba tswanetse go tlhokomela dikgomo tsa bone gore ba rekise boleng jo bo kwa godimo, go bona dipoelo tse di botoka.
O supile fa boleng jwa nama bo tlholwa ka methale e mentsi jaaka gore kgomo e na le meno a le kae, moalo wa mahura mo nameng le gore a e na le matsadi.
O ne a tswelela ka go supa gore dikgomo tse di nang le boleng jo bo kwa godimo gantsi e le tse di senang meno go ya kwa go tse di nang le meno a mabedi.
Le fa go ntse jalo, a re boleng jwa tsone bo ka digelwa kwa tlase ke mabaka a mantsi jaaka moalo wa mahura mo mmeleng le matsadi. O supile fa go le botlhokwa gore dikgomo di pegiwe sentle go ya kwa matlhabelong, ka jaana di kgona go gatana mme di nne le matsadi a a ka isang boleng jwa nama kwa tlase.
Fa a gakolola barui, Rre Gaetshetse o tlhalositse gore ditlankana tse ba di fiwang ke ba matlhoko a leruo morago ga go dira ditshekatsheko tsa bone le lekwalo le le tswang kwa ngakeng, go supa fa a etetse kwa morui a ruetseng teng, ba ditlhoka e le ba BMC go amogela dikgomo tse di isiwang kwa mmarakeng wa EU.
O supile gape gore barui ba ba isang kwa mmarakeng o sele, ba thusiwa ka go pega dikgomo tsa bone go ya matlhabelong, fa di le masome a mabedi go ya kwa godimo.
Modulasetilo wa Gasita/Lorolwane Farmers Association, Professor Keitseope Nthomang o supile fa ba itumeletse thuto e ba dumelang e tlaa thusa go tokafatsa thuo mo kgaolong ya bone.
O tlhalositse fa jaanong ba itse tsotlhe tse di tlhokegang go rekisa kwa mmarakeng wa EU, o o nang le dipoelo tse di botoka.
Prof Nthomang o gakolotse Batswana go ikwadisetsa go rekisa ko EU, a re go botlhokwa a ba kgalemelela mokgwa wa go inyatsa.
A re ba lemogile gore go botlhokwa go kwadisa meraka ya bone, go kwala tsotlhe tse ba di dirang, go tshwara leruo la bone sentle, ba sa le tsenye matsadi le go aga mantlwana a boitiketso go hema malwetse.
O ne a gakolola batsena phuthego go ikwadisetsa lenaneo la Temo Letlotlo, go le ithuta le gore ba ka roba eng mo go lone.
A re go botlhokwa go dira mekgatlho e e ka ba thusang go bua ka lentswe le le lengwe, ba thusana le go rutana gore ba kgone go godisa temo thuo ka jaana, moroto wa esi ga o ele, e bile sedikwa ke ntsha pedi ga se thata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thato Modiakgotla
Location : Gasita
Event : thuto puisanyo
Date : 26 Nov 2023








